Breaking News

Tshwaragano ya bogogi konokono

15 Nov 2017

Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo a re go tlhoka go goga mmogo ga boeteledipele jwa sepolitiki go ka busetsa morago maiteko a go tlhabolola metse le batho ba yone.

E rile a ntsha mafoko a malebo mo tirong ya letsatsi la go ipelela ngwao kwa Thamaga ka Matlhatso, Rre Mabeo a supa fa neelano ya bogogi e ka thusa go senola dikgang tse di nang le bokao mo maikaelelong a go tlhabolola morafe. 

“A re se letleng dipharologanyo go re agolola re le baeteledipele mme re itse fa rena le maitlamo a go direla morafe ka boineelo le boammaruri, mme re seegele thoko borona, re itse fa dikeletso tsa morafe di tla pele,” Rre Mabeo a gakolola.

Rre Mabeo fela jaaka kgosi o ne a tshwentswe ke seemo se se kwa tlase sa tshologelo ya morafe kwa tirong eo, e mo go yone go neng go le mokhanselara a le mongwe wa kgaolo eo.

A re popagano ya morafe e ka thusa go betla le go tsosolosa ngwao ya Bakgatla ba ga Thamaga ka go abelana dikitso tse di ka thusang go tlhomamisa kgolo. 

O gateletse gore ngwao e ka gola fa morafe o ka lemoga botlhokwa jwa go abelana dikitso ka dikgang tsa yone.

Mo molaetseng wa go bula tiro eo semmuso, mookamedi wa khamphani e e disang dikago ya Security Systems, Rre Gabriel Nkgetse o gakolotse botlhokwa jwa go bonala ga seabe sa kgodiso ya ngwana ka go fokotsa legotlho la go ipata ka melao ya gore e ba paledisa go tsaya boikarabelo jwa go godisetsa bana ka fa go tshwanetseng ka teng.

“Go mo go rona batsadi go betla bana re ikaegile ka dingwao. Re tlamega go tsaya boikarabelo re le batsadi go betla bana go nna se re eletsang ba nna sone, ka jalo bana ke bokao jwa seabe se re nnileng naso mo kgodisong ya bone,” ga tlhalosa Rre Nkgetse.

Mogolwane yo, o galaleditse ba Thamaga gore ba na le khumo e e tsepameng ya dikgang tsa ngwao go tlhomamisa gore e a gola le go abelanwa go tswelela e solegela dikokomane molemo.

Modulasetilo wa komiti ya barulaganyi wa tiro eo, Rre Setlhomonyane Koboyakgomo o ikuetse mo go Kgosi Kgari wa Bakwena go ntsha lentswe go tlhomamisa gore morafe o tsaya ka tlhoafalo dikgang tsa go ipelela ngwao.

A re o tshwenngwa segolobogolo ke ditiro tsa manyalo mo kgaolong ya Kweneng gore di kgoreletsa maiteko a go tlhabologa ga motse ka jaana a goga ngwaga go ya ngwageng, ntle le go obamela dithulaganyo dipe tsa morafe.

O file sekai ka kgaolo e tshwana le ya ga Ngwaketse gore e na le thulaganyo e e tsepameng ya go tlhomamisa gore ditiro tsa manyalo di na le nako ya tsone mme ga di kgopakgopetse tsamaiso ya ditiro tsa morafe.

Modulasetilo o kgothaditse morafe go rotloetsega go tsosolosa mowa wa boipelego gore fa puso e sa kgonang go ema nokeng mananeo a morafe, go seka ga nna le go kgobega marapo.

Kgosi Gobuamang II o supile matshwenyego ka tshologelo e e kwa tlase ga morafe mo maitekong a go tsosolosa ngwao ya Bakgatla ba ga Thamaga.

A re seemo sa go goga dinao mo ditirong tsa morafe se a tshwenya e bile se busetsa morago maiteko a go tlhabologa ga motse ka jaana kgotla e le lone lefelo la morero ka dikgang tse di amang tlhabololo ya morafe.

Kgosi le fa go ntse jalo o itlamile go rotloetsa thulaganyo ya ngwao ka dikgomo di le tlhano mo ngwageng o tlang ka tsholofelo ya gore morafe o tlaa itshekatsheka go lemoga bomolemo le maikaelelo a tiro eo. BOPA 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Thamaga

Event : Ipelelo letsatsi la ngwao

Date : 15 Nov 2017