Breaking News

Kgosi o nopola baemela kgosi ba Mmashoro

14 Nov 2017

Kgosi Mokhutswane Sekgoma o kopile morafe wa Mmashoro gore o tsamae o ye go ithera ka thulaganyo ya bogosi jwa motse wa bone.

Kgosi Sekgoma o ne a digela morero wa thulaganyo ya go thiba phatlha ya kgosi, Kgosi Wabobedi Mompati a sena go tlogela tiro ka bogodi.

“Go tsere lebaka le leleele gore phatlha ya bogosi jwa Mmmahoro, ka thulaganyo le tsamaiso, e thijwe, jalo re bone go tshwanela go dira gore phatlha ya moemela kgosi, e e kafa tlase ga molao wa bogosi a dirisiwe go thiba phatla e”.

O ne a supa fa se se diragadiwa ke kgosikgolo go ya ka fa molao oo o balegang ka teng.

O supile fa moemela kgosi go tewa motho yo ka fa molaong a ka lemogwang ka go nopolwa ke kgosi, a supa fa e bile Kgosi Kgamane a kopane le borara jwa motse.

“Go beilwe maina a mabedi gore moemela kgosi e tlaa nna Rre Opelo Disang, fa mothusi wa gagwe e tlaa nna Bontshwanetse Kgosiesele,” a supa.

O kopile morafe gore bobedi jo, bo rongwe fa go santse go ipaakanyediwa peo ya kgosi.

O supile fa mathata a bogosi a le teng, mme a supa fa ba sekake ba a letla go tswelelela fela go sena yo o tsamaisang motse, ka go dira jalo go ka baya motse ka fa mosing.

Kgosi o ne a tlhalosa fa ba itse, e bile ba lemogile fa motse o na le mong e leng Rre Bontswanetse Kgosiesele.

“A batho ba bogosi ba kopane, boora-Mathwana le boora-Kgosiesele, ba kopane ba ithulaganye ka go supa fa e le bone beng ba bogosi.

Ke kopa gore ba tsamae ba ye go ithera gore kgotla e seka ya sala e le mo legoeleleng.”

Fa a akgela, Rre Kgosiesele Kgosiesele o supile fa keletso ya bone e le gore bogosi bo boele kwa go mong wa jone, a supa fa ba dumela gore go na le kgosi wa bone wa ngwao e seng yo o tlhophiwang.

“Morafe wa Mmashoro ke motse o o ikemetseng mo ga Mmangwato.

Re kopa gore re seka ra tseelwa ditshwetso.

Re kopa gore re fiwe sebaka gore re ithulaganye, re bee kgosi go ya ka ditso tsa rona,” a kopa.

Morago ga dipuisanyo tse di tseneletseng, baagi ba ne ba dumalana go ka beelwa moemela kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Serowe

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Nov 2017