Breaking News

Ba kgothadiwa go tlhoafala dikgwebo

14 Nov 2017

Modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o kopile batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la bong le la nyeletso lehuma ba kgaolo ya Boteti go tsaya kgwebo ka tlhoafalo.

Rre Galeragwe o buile jalo kwa thuto-puisanyong ya lekalana la LEA e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Gender Affairs mo Letlhakane bosheng .

A re puso e mo loetong lwa go dira pharologanyo mo matshelong a Batswana, e dira jalo ka mananeo a a lekang go ntsha batho mo lehumeng gammogo le go tswakanya itsholelo.

Rre Galeragwe a re le fa puso e dira maiteko a go ntsha Batswana mo lehumeng, go santse go na le batho ba ba sa tseeng mananeo a ba thusitsweng ka one ka tlhoafalo.

A re lekalana la LEA ke thulaganyo ya puso e e batlang gore go rutwe batho ka tsamaiso dikgwebo.

A re gangwe le gape Batswana ba ngongorega ka boturu jwa batho ba ba ikemetseng ba ba thusang ka tsa kgwebo.

O ba rotloeditse gore ba nne pelotelele le LEA ka jaana lone le thusa le sa lope dituelo dipe.

Rre Galeragwe o ne gape a re ba tshwenngwa ke batho ba ba kopang madi a dikgwebo mme e re madi a tswa ba bo ba sa a dirise ka fa go tshwanetseng ka teng, tlatsa ka go re bangwe ba kopa madi ao ba le setlhopha mme e re madi a goroga ba bo ba kgaogana.

O ne a ba rotloetsa go diragatsa ditumalano gore ba seka ba senya mananeo a mantle ao.

Gape a re puso e ntshitse lenaneo la go reka dithoto tsa dikgwebo tse dipotlana e le tsela ya go ba direla mmaraka.

A re ba tshwanetse ba ema ka dinao ba bapatsa dikgwebo tsa bone, ba seka ba baya mo go reng puso e ba direle sengwe le sengwe.

Rre Galeragwe o ba gwetlhile gore ba batle menyetla ba bo ba tie moko ba seka ba kgojwa marapo ke dikgwetlho ka gore kgwebo ga se selo se se motlhofo.

Mogolwane wa LEA, Rre Emmanuel Lebogang a ne a tlhalosa gore LEA e thusa Batswana botlhe ba ba batlang dithuto tsa kgwebo ntle le dituelo.

Rre Lebogang a re ba lalediwa ke mongwe le mongwe yo o tlaa bong a kgobokantse batho go tla go fa bogakolodi ka tsa kgwebo.

A re bone ba fa bogakolodi fela ga ba fe batho dithuso tsa madi a kgwebo.

O tlhalosa gape gore ba thusa batho go dira dipolane tsa kgwebo.

A tlhalosa gore LEA e na le tsamaiso, ka jalo a re motho fa a batla go thusiwa ka polane a seka a fela pelo ka gore o ya go lopiwa dilo tse dintsi.

Rre Lebogang o ne a ba tlhalosetsa ka mefuta ya dithuto tse ba nang le tsone.

E rile a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisanyo, mogolwane wa lephata la bong mo Letlhakane, Mme Mpolokang Gaolaolwe a re ke go rotloetsa batho go tsaya boikarabelo gammogo le go dira boammaruri mo mananeo a ba thusiwang ka one.

Mme Gaolaolwe a re ba itemogetse gore batho bangwe ba ba filweng madi a lenaneo la Gender Affairs ga ba a dirise mo kgwebong. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Thuto puisanyo

Date : 14 Nov 2017