Breaking News

Kekere sekao sa lorato le pelotlhomogi

13 Nov 2017

Moeteledipele wa kereke ya Christian Holy Spirit Church in Zion mo Kgalagadi, Arch Bishop Phuthego Mereyabone a re kereke e tshwanetse go nna sekao mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka nako tsotlhe.

Arch Bishop Mereyabone o buile mafoko a mo potsolotsong le BOPA bosheng.

O ne a tlhalosa fa kereke eo, e tlhamilwe ka 1934 kwa Afrika Borwa, mme mo Tsabong e gorogile ka 1984.

Arch bishop Mereyabone o kaile fa maikaelelo a bone e le go di goga kwa pele mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng gongwe le gongwe kwa ba kopanelang teng.

O ne a tlhalosa fa bosheng diphuthego tse di farologanyeng go tswa Afrika Borwa, Swasing le Botswana di ne di kopanetse kwa Khuis kwa ba fetileng ba abela dikhutsana, ba-na-le bogole le bagodi ba le masome matlhano le boferabobedi melora le diaparo.

O kaile fa ba ne ba dumalane gore leloko lengwe le lengwe le ntshe mo pateng go reka melora le diaparo go abela ba ba tlhokileng lesego mo botsehlong, go ja dijo tsa motshegare le bone e le tsela nngwe ya go ba supegetsa lorato.

Arch Bishop Mereyabone o boletse fa maikaelelo a bone e le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le fa e se balatedi ba kereke eo. Arch Bishop Mereyabone a re e re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa ba ba tlhokang, khansele e tshware phage ka mangana ka go tlhokomela batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole ka dijo kgwedi le kgwedi, selo se a reng se tshwanetse go tshwaraganelwa ke dikereke, maphata a puso, dikompone le setshaba ka kakaretso go imolola puso.

Arch Bishop Mereyabone o boletse fa e ne e le la ntlha ba abela setshaba, mme a supa fa ba setse ba simolotse tema e ba tlaa tswelelang ba e diragatsa le go e tsweledisa ngwaga le ngwaga.

A re jaaka kereke maitlamo a yone e le go gakolola, go aga le go rerela setshaba lefoko la Modimo, ba itebagantse gape le go ngokela banana mo kerekeng ba eteletswe pele ke komiti ya banana.

Arch Bishop Mereyabone a re moono mogolo wa komiti eo ke go sidila banana ba bangwe maikutlo, go ba aga, go ba gakolola le gone go ba bontsha mosola wa go tsena kereke ka go ka thusa mo go ba ntsheng mo go tsotlhe tse di duleng mo tseleng le go fetola boitshwaro jwa bone.

A re ba itebagantse thata le ditiro tsa botlhoka tsebe mo bananeng, di akaretsa go inaakanya le tsa marato ntleng ga lonyalo, go goga motsoko, go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi, bogolo jang motokwane.

O ne gape a gwetlha diphuthego tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng eo, go tshwaragana ka mowa o le mongwe fela wa go rera lefoko la Modimo ka boammaaruri, go nna sekao ka go diragatsa tse di molemo le gone go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko mo go botlhe ba ba tlhokang. BOPA

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Khuis

Event : Potsolotso

Date : 13 Nov 2017