Breaking News

Maitseo namane ya moroba

13 Nov 2017

Baithuti ba sekole se segolwane sa Molefi ba ba fetsang lokwalo lwa botlhano ba rotloeditswe go itshwara sentle ka jaanong setshaba se ba tsaya jaaka banna le basadi.

E rile Kgosi Segale Linchwe a buisa baithuti bao ka Laboraro a ba kopa go nna le maitsholo a a itumedisang, bogolo jang ka ba fetsa sekole mme ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane kwa Gaborone le mafelo a mangwe.

A re go le gantsi bana ba sekole ba na le go dira dilo tse di segang tsebe fa dikole di tswalwa di tshwana le go senya dikago tsa sekole le go betsa ba bangwe kana go utswa.

Kgosi Segale o ne a ba kopa gape gore ba nne le lorato le boikobo le gone go tlotla batsadi ka gore e seng jalo ba tlaa thanya lo le tsebeng.

A re ba tshwanetse ba itse gore jaanong ba tsena mo karolong e nngwe ya botshelo mme go solofelwa dilo di le dintsi mo go bone le maitsholo a bone a tlaa supa gore ke batho ba ba ntseng jang.

O ne a ba kopa gore jaaka ba fetsa mophatlo wa botlhano ba seka ba sasankega mo mebileng ba sa itse gore ba batla eng ka moo go kgona go ba tsenya mo melekong.

Kgosi Segale o ne gape a ba kopa go emisa mekgwa epe fela ya borukhutlhi ka jaana bo ka senya bokamoso jwa bone.

Mogolwane wa lephata la thuto mo Mochudi, Rre Kereng Koko le ene o ne a nna le sebaka sa go bua le bana bao mme a ba kaela ka mosola wa go tshweledisa dithuto tsa bone ka e le bokamoso jwa bone.

A re go botlhokwa gore ba tlogele sekolo se ba sa bolong go tsena mo go sone se le mo seemong sa go ka dirisiwa ke babangwe go na le go se senya mo go ka ba tsenyang mo dikgoleng.

Rre Koko o ne gatelelela kgang ya gore maitseo ke namane ya moroba mme bana ba tshwanetse ba nna le maitseo a a amogelesegang mo setshabeng mme e bile ba tlotla batsadi.

Mogolwane wa thuto o ne a re thuto e na le bokamoso jo bogolo mo botshelong jwa motho mme fa ba ka tsaya thuto ka tlhoafalo ba tlaa atlega mo matshelong a bone ka bongwe ka bongwe.

Moruti Jimmy Phale go tswa kwa kerekeng ya Dutch Reformed Church o ne a kgothatsa bana go nna le poifo Modimo ka e le yone tshimologo ya botlhale.

A re ba tshwanetse ba tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo ka gore fa ba fetsa sekole maduo a tlaa supa gore e ne e le bana ba ba ntseng jang le gone gore sekole sa bone se tlaa bo se le mo maemong a a ntseng jang Botswana ka bophara.

Ramapodisi yo motona wa kgaolo ya Mochudi, Senior Supt Cavin Mookodi o ne a ba balela mengwe ya melao ya lefatshe leno gore ba itse gore ba tshwanetse go dira eng go tila melato e e ka ba welang le dikatlholo tsa yone.

O ne a ba supegetsa gore molao wa re fa o le ngwana wa mosimane o ka kgwathisiwa dithupa tse di sa feteng borataro fa o le ka fa tlase ga dingwaga tse 18 mme fa o feta dingwaga tseo o ka kgwathisiwa dithupa di ka nna 12.

Senior Supt o ne a ba kaela gape gore molao wa re ga go na ngwana wa dingwaga tse 14 yo o ka atlholelwang kgolegelo mme jaanong ka gore bone ba setse ba fetile dingwaga tseo ba ka atlholelwa kgolegelo.

O ne a ba tsibosa gape gore fa ba nna mo mebileng ba dira molato o go tweng go tsamaya o sa itse gore o dira eng (idle and disorderly) ba ka atlholelwa kgolegelo ya molato o.

Mogokgo wa sekole sa Molefi, Rre Francis Semathane a re keletso ya gagwe ke gore ba kgaogane ka kagiso go se na molato ope mme e bile fa ba tlhoka thuso ba seka ba tshaba go tla kwa sekoleng ka gore ba ne ba senya ka nako ya ba fetsa lekwalo la botlhano. BOPA

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Puisano

Date : 13 Nov 2017