Thuto kgetsi ya tsie e a tshwaraganelwa
13 Nov 2017
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Sebako ko Kanye, Rre Justice Kgabeng are thuo ke kgetsi ya tsie ka jaana e tlhoka go tshwaraganelwa, a fa sekai sa gore e tshwana le pitsana e e maoto mararo.
Rre Kgabeng o buile se ka Labotlhano a ntsha malebogo kwa moletlong wa go alosa baithuti ba sekole seo (Reception Class) ba ba sugelwang go tla go dira mophato wa ntlha (Standard One) ngwaga o o tlang wa 2018.
Baithuti bao ba alositswe ba le masome a mararo ka palo mme mogokgo, Rre Kgabeng a tlhalosa fa mo go bone ba le masome a mabedi le boferabobedi (28) ba kwadisitswe teng mo sekoleng sa Sebako go tla go dira mophato wa ntlha ngwaga o o tlang.
O tlhalositse fa ba ba bedi ba sa kwadisetswa mophato wa ntlha mo sekoleng seo ka ntlha ya mabaka a batsadi ba a boletseng.
O tlhalositse gore thulaganyo eo e mo itumedisitse fela thata ka jaana mo ngwageng o o fetileng wa 2016, bana ba ne ba kwadisiwa kwa sekoleng seo ka dipalo tse dintsi mme ya re ba aloga bontsi jwa bone ba kwadisediwa mophato wa ntlha kwa dikoleng di sele.
Rre Kgabeng are thuto e tshwana le pitsana e e maoto mararo ka e tlhoka batho ba le bararo, eleng moithuti, motsadi le morutabana, a re boraro jo fa bo sa tshwaragana ga gona jaaka sekole se ka ntsha maduo a a itumedisang le go tswelelapele mo ditirong tse dingwe tsa sekole.
A re ka jalo go botlhokwa gore boraro joo e nne sepane mo thuthong ya ngwana, a gatelela ka gore tshwaragano e ka tsisa katlego, a re ka jalo batsadi ba gololesege go etela sekole go tla go lekola tiro ya bana ba bone.
Mogokgo Kgabeng are sekole sa Sebako se sebotlana ka palo ya bana, are mme fa go boelwa mo dingwageng tse di fa moragonyana, sentse se dira mo go kgotsofatsang mo maduong a lekwalo la bosupa, are mme se se botlhoko ka gore mo ngwageng o o fetileng wa 2016, sekole seo ga se a dira sentle mo maduong a lekwalo la bosupa.
A re jaanong ngwaga ono ba ne ba itoma molomo wa tlase, ka go ipeela seelo gore ba tsile go fenya ditlhatlhobo ka letshwao la masome a fera bongwe mo lekgolong go ya kwa godimo.
E ne erile a bua ka maikaelelo a letsatsi, motshwarelela mothusa mogokgo, Mme Kamogelo Komanyane, a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo ele go tla go tsamaisa sentle baithuti bao jaaka ba tlaa bo ba fetela kwa pele go dira mophato wa ntlha, are gape ke go tla go ba leboga ka go ba abela ditlankana le dimpho.
Mme Komanyane are gape ke go tla go leboga batsadi ba bone jaaka ba ntse ba ba tsamaisa tshipidi go ya sekoleng ka ba santse ba le babotlana, a ba a leboga le ba komiti ya batsadi le barutabana.
A re maikaelelo mangwe a mophato oo ke gore ngwana a ithute tikologo ya sekole, barutabana, le tsamaiso ya sekole seo, ele go ba suga boboko, le go ba bula matlho, le tse dingwe, gore fa batla go dira mophato wa ntlha ba bo ba se baeng, selo se a reng se tlhofofaletsa morutabana wa mophato wa ntlha tiro.
Fa atswa la gagwe, Kgosi ya Ga-Sebako, Rre Dikgageng Sebati o kgothaditse baithuti ba sekole seo go nna kutlo mo barutabaneng, a gatelela ka gore botlhokatsebe ga bo boloke.
O kopile batsadi go ema bana nokeng mo thutong ya bone, le go ba kgalemela fa ba tswa mo taolong gore ba seka ba tsena mo ditirong tsa borukutlhi tse di ka felelang di ba senyetsa bokamoso. BOPA
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Kaloso baithuti
Date : 13 Nov 2017






