Ba -na- le boswafe ba a tlhobaela
13 Nov 2017
Dipego tsa kgonagalo ya go dirisiwa ga lefatshe leno ele tsela ya go fetisa ditagi tse di seng ka fa molaong le go fetisa batho ba go dumelwang ba ya go rekisiwa kwa mafatsheng di tsisitse tlhobaelo mo bathong ba ba tshelang le boswafe.
Se se builwe ke mokwaledi wa mokgatlho wa ba - na - le boswafe, Rre Gaontebale Mokgosi mo phuthegong e ba mokgatlho oo ba neng ba e buisa kwa Ghanzi ka Labotlhano go tsibosa morafhe ka ditswanelo le dikgwetlho tsa bone.
Rre Mokgosi a re seemo se se a tlhobaetsa ebile se baya ba- na- le boswafe mo diphatseng ka go dumelwa gore dikarolo tsa mebele ya bone di ka tsisa dikhumo kgotsa go dirisiwa mo tirong tse a reng ke tsa boloi le bongaka jwa setso.
A re ntswa lefatshe le tsweletse ka go tlhabologa ditumelo tse di tswang goo lowe bogolo jang mo Afrika tsa gore dikarolo tsa mmele wa ba - na - le boswafe di ka tsisa khumo di santse dile teng kgotsa mo ditirong tsa bongaka jwa setso.
Ntswa ditumelo tse di tswa kgakala, a re ga di na boammaruri ebile ba kgala ba sa kgwe mathe ba ba tsayang karolo ka mabaka a ditumelo tse.
Ditumelo tse a re di atile thata mo mafatsheng a tshwana le bo Burundi, Malawi, a tlatsa ka gore kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane kwa Zambia mongwe wa ba - na - le boswafe o ne a kgaolwa letsogo.
A re kwa Burundi ba - na - le boswafe ga ba kgone le go rekisa kgotsa go gweba mo mekgwatheng ka ba tsewa go dirisiwa mo tirong tse.
“Tota le tlhotlhwa ya ba - na - le boswafe e setse e beilwe , ebile o ka e bona fa o ka thodumela mo maranyaneng a ditlhaeletsanyo a Internet,”a tlhalosa.
A re go nna le polokelo ya kanoko ya dikarolwana tsa madi (DNA) ya batho botlhe mo Botswana go ka fokotsa matshosetsi a go rekisiwa ga ba - na - le boswafe ba a reng ba na le ditshwanelo jaaka mongwe le mongwe.
Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Fraiser Gaonakala o kaile fa e le ene mo- na- le boswafe fela kwa lelwapeng mme mmagwe o ne a thola a mmolelela gore ke lekgoa fa a botsa gore ka go reng a sa tshwane le ba bangwe .
A re o ne a simolola go jega fa bana ba sia fa ba mmona le batho ba mmitsa ‘leswafe’ mme a botsa mmagwe gape gore ke eng asa tshwane le makgoa a mangwe mme o ne a mo tlhalosetsa boaammaruri jwa gore ke mo - na - le boswafe.
A re mo - na- le boswafe o tshwana le mongwe le mongwe, pharologanyo ke mmala ,moriri le matlho fela.
“Gatwe bogologolo re ne re bewa mo letsatsing gore re tswe mmala, kgabagare motho a nne le kankere ya letlalo.”
A re batho ba na le ditumelo tse di farologanyeng ka ba- na- le -boswafe, bangwe ba dumela gore ba - na - le boswafe ga ba bone motshegare, fa bangwe ba dumela gore motho yo o tshelang ka mogare wa AIDS fa a tsena mo tlhakanelo dikobong e e sa sireletsegang le mo - na - le boswafe o ka fola mogare ebile bangwe ba betelela ba - na - le boswafe ka tumelo e .
A re madi a ba- na- le -boswafe a tshwana le a mongwe le mongwe ebile mo - na - le boswafe o ka abela madi motho yo madi a gagwe a tsamaelanang le a gagwe.
“Ke tshotse ngwana le motho yo e seng mo- na -le -boswafe ebile ngwana wa teng ga se mo - na - le boswafe,” a tlhalosa.
Rre Gaonakala o ne a gwetlha morafhe go amogela ba- na le -boswafe le go tlogela ditumelo tse eseng tsa boammaaruri tse di amang ba- na - le boswafe a supa gore bogologolo batho ba ne ba ikgwela mathe mo diaparong fa ba mmona ele tumelo ya gore go dira jalo go ka dira gore ba seka ba tshola mo - na - le boswafe.
A re go baya ba- na- le boswafe kwa mahure mo go dirwang ke batho bangwe go ka baka gore mo -na - le boswafe a gole a tshaba batho.
Mo bogaufing a re mme mongwe o ne a ikgapela botshelo ka go ikaletsa morago ga go lemoga gore o belege mo -na - le boswafe .
A re bogologolo ba- na- le boswafe le bone ba ne ba bolawa morago ga pelegi a tlatsa ka gore “Ebile go ne go dumelwa gore re a nyelela ,re ne re bolaiwa go bo gotwe re nyeletse.”
Modulasetilo wa mokgatlho wa ba- na- le boswafe Rre Sargent Kgosietsile o ne a gatelela botlhokwa jwa go baya monwana molao wa mafatshefatshe wa ba -na - le bogole ke lefatshe leno, a re go dira jalo go ka fokotsa dikgwetlho tsa ba - na - le boswafe ka ba tlaa bo ba tsewe jaaka ba - na -le bogole.
A re le bone ba eletsa gore ba akarediwe go nna kgotsa go tseewa jaaka ba - na - le bogole ebile ba akanyediwe mo go sengwe le sengwe se se dirwang mo lefatsheng leno.
Modulasetilo a re ba tshwanetse go phakisiwa ditlolo tse di ba babalelang mo marang a letsatsi ka ba ka felela ba tsenwa ke kankere ya letlalo fa ba sa itshireletse mo letsatsing, e kalafi ya yone e leng turu.
A re ba- na- le boswafe ba tlhatlhobelwe matlho ba bo ba abelwa digalase tsa matlho go silomola kwa tlase gore ba tle ba kgone go tlhwaafalela dithuto tsa bone go sena dikgwetlho.
Mo godimo ga moo, a re puso le dikompone tse di ikemetseng ka nosi di tshwanetse go tlamiwa go thapa ba - na - le boswafe fa ba fetsa kwa dikolong tsa ithutelo ditiro jaaka mafatshe a mangwe a tshwana le Namibia. O ne a tlatsa ka gore ba tshwanetse go berekela fa go tshwanetseng.
Dibuka le tsone a re di tswanetse go dirwa go akanyeditswe ba -na - le boswafe.
O ne a tlhalosa fa polokelo ya kanoko ya dikarolwana tsa madi e le botlhokwa ka e ka thusa mo borukhutlhing jotlhe, jaaka go balaya ba -na-le boswafe.
Fa a tswa la gagwe moemedi go tswa kwa ofising ya Mopalamente wa Ghanzi Bokoni,Rre Jesus Mosokwe a re go botlhokwa gore ditumelo tse dingwe di beelwe fa tlhoko gore ba - na - le boswafe ba tshele sentle.
A re ba- na- le boswafe ga ba a tshwanelwa go sotlwa, ba tshwanetswe go tlotlwa gape, a tlatsa ka gore ba na le bokgoni.
O ne a fa sekai ka seopedi sengwe sa mmino wa reggae kwa Jamaica, Winston Foster yo o tumileng ka leina la Yellowman yo a reng o ne a phuaganngwa ke mmagwe a sa le monnye kwa lefelong lengwe le go godisediwang bana ba ba senang batsadi teng.
A re Yellowman o ne a gola sentle a ithuta thata mme kgabagare a ithophela go tsaya tsela ya moopelo e a tumileng ka yone lefatshe lotlhe ka bophara. BOPA
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Ghanzi
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 13 Nov 2017






