Go simolodisitswe lekgotla la barui kwa Maope
09 Nov 2017
Barui ba meraka ya Maope kwa kgaolong ya legare ba simolodisetse lekgotla la barui le le bidiwang Phirimotho.
Fa a tlhalosa ka lekgotla gore le tsile jang, modulasetilo Mme Oganeditse Tumotumo a re ba ne ba sa robadiwe ke magodu bone le maepodisi a Serule.
A re seo se ne sa ba ruta go lala paeng ba disitse dikgomo tsa bone, mme ba tla ka moono wa gore ba ipope ba tlhame lekgotla le ba le kwadisitseng ka fa molaong.
A re le fa maikaelelo magolo e le go lwantsha bogodu, sengwe gape ke go itshwaraganya le bakenti go kentele malwetse a leruo, le go tlhabolola leruo la bone go nna la boleng jo bo kwa godimo.
Leina Phirimotho le tswa mo goreng Phiri ga e sa tlhole e le phologologolo jaanong ke motho wa maoto a mabedi.
Mme Tumotumo o ne a laletsa barui ba dithota tse ba leng mo go tsone go gololesega go ka nna maloko a lekgotla gore ba kgone go bua ke lentswe le le lengwe ka ditshwanelo tsa bone e le barui, mme a re le bone fela jaaka makgotla a mangwe ba batla go ipona ba na le seabe mo go thuseng puso ka go ntsha leruo la boleng.
Mongwe wa barui, Rre Keineetse Maswabi a re keletso ya bone ke go inaakanya le lekgotla leo segolo bone ba zone 8, 9 le 10 gore ba kgone go buisana le puso ba lebeletse seemo sa go ithola marapo ga puso mo go tsamaiseng matlhabelo.
A re ke nako ya gore Batswana ba tsee boikarabelo ka go supa fa ba ka kgona go ka itsamaisetsa matlhabelo.
Sebui sa tlotla, mokhanselera e bile e le morui, Rre Thebe Setlalekgosi go tswa kwa Mookane a re thuo ya malatsi ano ke kgwebo, mme e tlhokana le banna le basadi ba ba ititeileng sehuba go emelelana le dikgwetlho tse di ka batlang go ba ema pele.
A re ga go na ka fa morui yo o ruelang kgwebo a ka kgonang ka teng kwa ntle ga go reka dipoo tsa letsopa, a re gone moo fela ke gone go fang morui sebaka sa go itse se a se tlhokang mo thuong.
A re go botlhokwa gore morui a itse boleng jwa moroto wa poo ya gagwe ka go o tlhatlhoba nako le nako, segolo jang fa a batla go reka poo ya letsopa le le rileng.
A re barui ba tswe mo thuong ya bogologolo ya go tlatsa dikgomo tsa bogaolwane ka lesaka, ka seo se ya go ba turela go di jesa.
Rre Setlalekgosi a re go botlhokwa go lemela leruo dijo le go di somarelela nako tsa leuba, mme a kgala mokgwa o barui ba o tlwaetseng wa go fa dikgomo letswai a re ga le na bope boleng mo leruong fa le sa tlhakanngwa le kotla epe.
A re poo e seka ya gweela bana ba yone ka seo se ka digela boleng jwa letsopa tlase.
A re barui ba ithute go inaakanya le barekisi ba dijo tsa leruo le boralophalo, go ba ruta ka tse leruo le di tlhokang ka nako tse di farologanyeng.
O tlhalositse fa a na le keletso ya go ba thusa ngwaga o o tlang go rulaganyetsa letsatsi la barui.
E ne e rile go le pele, mongwe wa barui ba dipolase tsa Sandveld, Rre Joshua Galeforolwe a supa botlhokwa jwa go tlhama lekgotla la mofuta o, mme a re go tlhoka dikeletso tsa maloko.
A re boleng jwa lekgotla bo mo kemeding le go buelela lekgotla ka botswapelo, go lebeletswe ditlhabololo, go fedisiwa ga thekiso ya nama ke khamphani e le engwe, go bewa ga ditlhwatlhwa tsa nama le gone go lwantsha malwetse.
A re lekgotla le tlhoka tshwaragano ya maloko le go bua ka lentswe le le lengwe ka mathata a a ba lebaneng, go rutana le go abelana megopolo go godisa lekgotla.
Rre Galeforolwe o gateletse gore ba tlaa re lekgotla le itshetletse ba bone ka go oketsega ga maloko a a direlang lekgotla e seng dipalo fela, le go kopana nako le nako e seng fela ka nako ya paakanyetso meletlo.
A re go botlhokwa gore maloko a itse gore madi a bone a boloko ba dira eng ke bokae, a re seo ke jone boikarabelo jwa ba ba tlaa neelwe marapo go tsamaisa, go fapaanela maemo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe.
Rre Galeforolwe a re tsamaiso e e seng yone e ka phutlhamisa lekgotla, segolo jang ya go tlhoka go dupiwa ga dibuka tsa madi.
Mogolwane wa sepodisi go tswa kwa Serule, Rre Lesole Mosimane o ne a lebogela tirisano mmogo ya barui, mme a ba kopa go thapa batswakwa ka fa molaong go itsa go thapa dirukutlhi.
Senior Superintendent Mosimane a re barui le badisa e nne ditsala ka seo se ka kganela borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MAOPE
Event : Puisano
Date : 09 Nov 2017






