Lenaneo la thuto le tswa maduo
09 Nov 2017
Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe a re o itumedisiwa ke ka fa puso e santseng e lemoga botlhokwa jwa lenaneo la thuto le le sekasikilweng, ka go le diragatsa mo go simolodiseng dithuto tsa bana ba ba tlhokolediwang go ya go simolola lekwalo la ntlha.
Dr Kedikilwe o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano wa sekole se sebotlana sa Ratholo bosheng, se gape se neng se alosa mophato wa bananyana.
Moletlo oo, o ne o ketekwa ka fa tlasa ga setlhogo se se reng Embracing All Through Challenges Towards Quality Education 50 Years and Beyond.
Dr Kedikilwe a re ka nako e a neng a eteletse lekoko le le neng le sekaseka seemo sa thuto ka fa e ka tokafadiwang ka teng, ditshwantsho tse ba neng ba di ntsha di ne di le maleba, mme a dumela gore dingwe tsa tsone di tlhokana le go sekasekwa gore di kgone go tsamaelana le boranyane jwa thuto ya segampieno.
A re seo se ka kgonega fa batsaya karolo mo thutong ba ka itsetela adimo ba tswa ka ditharabololo tsa se se ka dirwang go itebaganya le tse di tlhokegang.
A re Batswana ba tshwanelwa ke go bala masego a bone le go leboga fa ba leng teng mo thutong, a re dikgwetlho ga di ke di tlhokega.
Dr Kedikilwe o supile fa lenaneo le puso e neng ya tla ka lone la gore thuto le ditshenyegelo tsa yone di tlhakanelwe ke batsadi le puso, e ne e le gore batsadi ba tsae karolo mo thutong.
A re ofisi ya ga mogokgo le ntlo ya maranyana di tlaa nna teng fa nako e ntse e tsamaya, fela a lebogela gore ba na le matlo a borutelo a a lekanyeng.
A re pele ngwana o ne a godisiwa ka go tshwaraganelwa ke motse, mo jaanong go nyelelang ka bonya.
O kopile batsadi go boela kwa kgodisong ya bogologolo e ngwana wa mosetsana a neng a babalelwa ka go kganelwa go ja mae, fa basimane bone ba ne ba rutwa go gama le go disa, a re setshaba se tsenye letsogo mo kgodisong ya ngwana e e tsenang ka lenga la seloko, bana bainaakantse le ditagi kgalemo.
A re puso e lemoga botlhokwa jwa kgodiso ya ngwana, ke sone se e abelang thuto madi a mantsi le mananeo a tshwana le a lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao.
O gateletse botlhokwa jwa go tlhalosetsa bana bonnete le boleng jwa thuto, a re bana ba rutwe go itirela gore ba itse fa ba tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phata.
A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a eletsegang, ka ditsamaiso le motheo wa lone o o lolamemg wa therisanyo.
Dr Kedikilwe o ne a ribolola mokwalo wa go tshwaya letsatsi.
Lebutswapele la sekole seo, Mme Gabagopolwe Mangadi yo o se tseneng ka bo 1957, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsenela kwa kerekeng ya London Missionary Society ka nako eo, mme ba ne ba dira sentle thata mo metshamekong le meopelo.
Mogolwane wa thuto yo le ene e kileng ya nna moithuti wa sekole seo, Rre Otukile Kedikilwe, o ne a lebogela maduo a a ntshiwang ke go nna teng le tshimolodiso ya dikole tsa bananyana, a re mo nakong eno mo dikoleng tse dipotlana di le 755 lefatshe leno lotlhe ba kgonne go simolodisa dithuto tseo mo go di le 472.
Mogokgo Kabo Kolanyane o ne a itela ka letlhoko la ofisi, go tlhoka yo o ka ba ithaopelang le tlhaelo ya dibuka.
A re ngwaga le ngwaga fa dikole di bulwa, go tsaya lobaka go neelwa barutabana ba nakwana, seo se bo se busetsa dithuto le go digela maduo tlase.
A re legale seo ga se ba kgobe marapo go ntsheng maduo.
Fa a leboga mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele a re sekole seo se alositse batho ba dithutego le maikarebelo a a kwa godimo mme a rotloetsa bana go tsoga ba na le seabe mo go ageng lefatshe leno ka thuto e le methale mentsi e se go bala le go kwala fela.
Rre Maele yo gape e leng tona wa tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe o ne a abele sekole seo ditilo tsa bananyana di le 60 le ditafole di le 15 tse di tlaa dirisiwang gwaga o o tlang fa dikole di bulwa.
Bana ba ne ba abelwe dimpho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : RATHOLO
Event : Moletlo wa Go Ipelela Dingwaga
Date : 09 Nov 2017






