Breaking News

UDC e tlhoka makgotla otlhe - Boko

08 Nov 2017

Tautona wa diphathi tsa sepolotiki tse di kopaneng, Umbrella for Democratic Change (UDC), Rre Duma Boko a re phathi eo e tlhokana le makgotlana otlhe kwa tlase ga moriti o le mongwe gore ba kgone go tsaya puso ka 2019.

Rre Boko o buile jaana mo puisanyong le babega dikgang mo Maun bosheng pele ga go tshwara phuthego ya phatlalatsa ya sepolotiki.

A re ba tlhoka diphathi tsotlhe tsa sepolotiki, makgotlana otlhe a dikereke le a mangwe mme a re puso yone e a go fetoga.

Fa a araba dipotso, Rre Boko o ne a supa gore diphathi tsa sepolotiki di tshwananetse go nna seopo sengwe, a re diphathi tse di mo bokopanong tsa Botswana Congress Party (BCP), Botswana National Front (BNF), Botswana People’s Party (BPP) le Botswana Movement for Democracy (BMD) di tsene ka diphatlha tsa tsone mme fa go tlhokafala gore go bulwe phatlha e nngwe gore phathi e ntsha ya Alliance for Progressives (AP) e tsene ba tlaa dira jalo ka manno a le mantsi.

Rre Boko o ne a tshwaela gore phathi ya BMD e ntse ke leloko la UDC ka go ise go nne le tshwetso ya go e koba kgotsa go e seegela fa thoko.

O supile fa UDC e tsere tshwetso ya go lebelela le go fa phathi eo sebaka sa go ipaakanya le go itharabololela mathata pele ga UDC e ka tsenya letsogo.

A re jaaka ngwana, mokgatlho o tshwana le BMD o tshwanetse go itsamaisa, o tsene mo dikgwetlhong, o rupe, a re seo se diragaletse makgotla otlhe a sepolotiki a kganetso jaaka BNF.

Le fa go ntse jalo, Rre Boko o ne a supa fa dikgoberego tsa BMD di ama UDC mme boeteledipele jwa UDC bo tshepha fa di tlaa fela.

O bile a re UDC ga e tsee letlhakore ka makgotla a BMD le AP, mme o ne a re ba lebogela gore BMD e bo e amogela dikgakololo tse e di filweng ke UDC le fa gongwe ba sa di rate, mme a re ba phathi ya AP ba santse ba ikaga, ba itshekatsheka, ke gone go ka tsewang ditshwetso.

Fa a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa, Rre Boko o ne a re bone e le ba kganetso ba tsaya ditlhabano tsa ntlwa tse di boitshepo.

Rre Boko o ne a re Batswana ba na le tshwanelo ya go babalesega le go itshetsa e seng tshwanelo ya go tshela fela.

A re lefatshe leno le humile mme mahumo a teng ga a tswele Batswana mosola ka bontsi bo tshelela mo lehumeng.

Rre Boko o ne a re phathi e e busang e palelwa ke ditharabololo tsa malwetse ka bontsi ka go na le letlhoko la dingaka, dintsho tsa bana ba ba tsholwang le bomme ba ba belegang di ile magoletsa.

Rre Kenny Kapinga wa Okavango ene o ne a gwetlha maloko a diphathi tseo gore ba itse gore se ba se lwelang ga se mothofo.

Rre Kapinga o ne a gwetlha bangwe ka ene gore ba itse fa ba ba kgatlhanong le bone ba phathi e e busang ba le marapo e bile bangwe ba ya go intsha ditlhabelo.

A re ba maloko a diphathi tsa bone tsa sepolotiki ba ikaelele go lwela lefatshe la bone e seng sepe gape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Puisano Le Babega Dikgang

Date : 08 Nov 2017