Kereke motheo wa lorato kutlwelobotlhoko
08 Nov 2017
Kereke e kailwe e le pilara ya botshelo lefatshe ka bophara ka e le yone e agang setshaba go nna e e kutlwelobotlhoko gape e le lorato.
Fa a bua bosheng kwa moletlong wa go kokoanyetsa kereke ya Living Faith Ministries madi, moeng wa tlotla mme e bile e le moeteledipele wa kereke ya Christian Center Ministries kwa Tlokweng, Apostle Zwide Mbulawa o lebogetse kereke ya Living Faith Ministries go bo ba direla Modimo ka boammaruri ka a tlaa ikgalaletsa mo go bone ka go ba neela se ba se tlhokang go agela setshaba kereke.
O boletse fa setlhogo se tlhalosa dilo di le mmalwa ka mafoko a ‘RE KA’ a dirisitswe ke baeteledipele ba le bantsi go bopa ditshaba tsa bone mme le bone ba tswelela ka go a dirisa ba tlhalosa fa ba ka aga kereke mo go supang ponelopele.
Apostle Mbulawa o rotloeditse ba kereke ya Living Faith Ministries go aga kereke ka maikaelelo a go tokafatsa setshaba e seng ka maikaelelo ape a mongwe mo kerekeng ka go ka senya tse kereke e ikaelelang go di amogana le setshaba.
O kgothaditse phuthego go dira dilo ka tsamaiso ya kereke ya bone ka fa Modimo a ba bontshitseng ka teng e se re gongwe ba fitlhela ba tsamaya mo tseleng e e seng ya bone mme ba latlhegelwe ke tsotlhe tse ba nang le tsone.
O tlhalositse fa se se botlhokwa e le go tlhaloganya pele ga go sala morago ka gore fa o sala kereke morago o sa tlhaloganya ditsamaiso tsa yone kwa morago o ya go e senya leina.
Apostle Mbulawa o boletse fa tumelo e le sone selo sa botlhokwa mo go ageng kereke ka e le yone e dirang gore motho a kgone tsotlhe tse a di batlang mme gape e mo amanya le Modimo.
Moeteledipele wa Living Faith Ministries, Bishop Michael Gaotloge o boletse fa moletlo oo e le tsela nngwe ya go diragatsa taolo ya Modimo ya go ruta lefoko la gagwe le go rapela ba le seopo sengwe e le morafe.
Moletlo o o ne o tshwaretswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Mmogo re ka Aga Kereke, e le tsela ya go kgothatsa setshaba gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
O boletse fa kereke ya gagwe e dumela mo lefokong la Modimo ka le fetola botshelo jwa motho ka tsela e e molemo, segolo bogolo tlhaloganyo le dikakanyo ka e nna lone segakolodi mo go ene ka malatsi otlhe.
Bishop Gaotloge o tlhalositse fa kereke e tlhamilwe ka ngwaga wa 2000 e tsenela kwa sekoleng se sebotlana sa Isang mme morago ya fetela kwa Sedibelo Motel kwa moragonyana ba ileng ba kgona go reka setsha.
O boletse fa se ba se lebogela e le ba Living Faith Ministries mme ba tsweletse ba ntse ba baakanya lefelo la Modimo ka ba dumela fa go direla setshaba e le tsela e e kgethegileng ya Modimo.
Leloko la kereke, Rre Lucky Obuile o lebogile Modimo gore a bo ba kgonne e le kereke go dira moletlo o le go fitlha fa ba leng teng.
O lebogile Apostle Mbulawa go bo a ba file lesedi ka tiro ya Modimo le ditsamaiso, a tlatsa ka go re se ke thuto le kgakololo e e molemo mo phuthegong ya bone.
O lebogetse setshaba le phuthego kemonokeng e ba e ba fileng mo loetong lwa bone e le kereke mme a ba kopa gore ba nne ba tswelele ka go ba tshegetsa mo go tsotlhe tse ba di dirang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOCHUDI
Event : Moletlo Wa Kereke
Date : 08 Nov 2017






