Breaking News

Mosireletsi o isa ditirelo kwa setshabeng

08 Nov 2017

E re ka go twe thuto ke lesedi, ba ofisi ya Mosireletsi ba boloditse letsholo go ralala lefatshe leno, go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone.

Ba re thutuntsho e e ka thusa batho go itse ka ditshwanelo tsa bone fa ba dira boikuelo, gore puso kgotsa banni bangwe ba seka ba ba gobelela ka mokgwa ope fela.

Mo potsolotsong le BOPA morago ga phuthego ya kgotla kwa Inalegolo bosheng, mothusa mookamela ofisi ya Mosireletsi, Rre William Moncho, a re maitlamo a ofisi e, ke go tlhotlhomisa dingongora tsa tsamaiso e e sokameng mo makalaneng a tse ba setseng ba di roletswe ka mokwalo.

Ka seo, Rre Mocho a re ba tshwentswe ke go kukela ka monokela ga dikgang tsa ditsamaiso tse di sokameng mo maphateng a puso, mme bangongoregi ba felele ba dule ka nyobana e sa fotlhwa le mororo ba ka bo ba bone thuso kwa go Mosireletsi.

A re go tlhoka kitso gone moo, ke gone gantsi go bayang bangongoregi ka fa mosing.

Rre Moncho a re ga ba buelele mongongoregi ka tsela e e tshwanang le ya di Agente ka jaana bone ba sa lope dituelo dipe.

A re dithuto tsa bone gape di itebagantse le go sedimosetsa setshaba ka pharologanyo ya ditirelo tsa ofisi ya ga Mosireletsi le ofisi ya twantsho borukutlhi le tshenyetso setshaba ka jaana bone ba itebagantse le go sekaseka dingongorego tsa tsamaiso e e sokameng mo makalaneng a puso, jaaka go goga dinao mo tirong le gone go tlhoka go nonofela tiro e motho a e hiretsweng, fa le lengwe lekalana lone le remeletse mo go sekasekeng dikgang tsa borukutlhi le go gopela itsholelo ya lefatshe.

Le fa go ntse jalo, a re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng, fa ba itemogela gore bokete jwa kgang ke jwa borukutlhi ba e fetisetsa kwa go ba twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.

Mo go tse dingwe dikgang, a re ntswa ba tsweletse ka go thuba lobelo, ba itemogetse diphetogo dingwe ka jaana ba kgona go amogela dingongorego tse di tsepameng, mme e re ka dilabe di seke di tlhokega, go santse go na le banni bangwe ba go santseng go itshupa fa ba santse ba tlhaela kitso.

A re seo, ga sena go ba kgoba marapo ka jaana ba ikemiseditse gore ga ba na go swa lentswe mme ba tsile go tswelela ba dikologa setshaba go nosetsa thuto eo.

O ne a iteela kobo moroko ka go re ba dirile maiteko a mangwe a go aga metlaagana ya nakwana ka dinako tsa diphuthego, go fa banni sebaka sa go itolokela babereki kwa bothokong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : INALEGOLO

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2017