Kereke ya Roma e na le Moprista yo mosha
08 Nov 2017
Bishop Franklin Nubuasa wa kereke ya Roma go tswa Gaborone e rile ka Matlhatso a tlhomamisa semmuso Rre Tshiamo Makaba go nna moperesita wa kereke eo kwa Kanye.
Rre Makaba yo o dingwaga di masome mabedi le boferabongwe o tlholega kwa kgotleng yoo rra Segotshane kwa Kanye mme o tsene sekole kwa Botho University ya re morago a ya go dira dithuto tsa boprista tse a saleng a supa kgatlhego mo go tsone ka 2001.
E rile Bishop Nubuasa a neela Rre Makaba maemo a boperesita a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata mo ditsong tsa kereke ya katoliki, mme e le la ntlha go tlhomamisiwa moperesita yo o tswang Kanye.
Bishop a re go tlhomamisa moperesita ga se matshamekwane, a re ke tiro e tona thata ka seo se tsisa phetogo mo botshelong jwa motho ka mowa o o boitshepo o a bo o tshelegela mo go ene.
O boleletse moperesita yo o sa tswang go tlhomamisiwa gore botshelo jwa gagwe jaanong bo fetogile ka a tlaa nna motsaya karolo mo thomong ya Modimo.
A re Moperesita Makaba o tlaa kgona ka Modimo o tlaa mo neela maatla go etelela phuthego pele.
O ne gape a leboga batsadi ba ga Moperesita Makaba ka kemonokeng e ba e fileng ngwana wa bone go kgona toro ya gagwe ya go nna moperesita.
A re go bo ba letlile ngwana wa bone go nna moperesita ke mpho e ba e fileng kereke ya Katoliki lefatshe ka bophara.
Ka jalo Bishop Nubuasa o ne a kopa kemonokeng ya makatoliki ka kakaretso go ema moeteledipele yo nokeng ka thapelo, a re seo gape se ka lere ditshegofatso tse dikgolo mo motseng, bogolo jang ka go tlhalositswe fa Rre Makaba e le motho wa ntlha go nna moperesita a tswa Kanye.
Bishop Nubuasa o weditse ka go kopa moperesita yo mosha gore a itlotle a bo a tlotle phuthego e bile a itse gore boikgogomoso ke sera sa moperesita.
A re moperesita o tshwanetse a nna boikanyego le go supa lerato la Modimo jaaka e le keletso ya Modimo le Batswana ka kakaretso go nna le baperesita ba ba molemo e bile ba tshephega.
E ne e rile a amogela baeng moperesita mogolo wa Thapelong, Father Thomas Puthukktuchyrayil a tlhalosa fa letsatsi la go tlhomamisa Moperesita Makaba e le letsatsi le le molemo thata le le tshwanelwang ke go ipelelwa, segolo bogolo ka e le moletlo wa ntlha go diragala kwa Kanye.
E rile a lebogela tiro ya letsatsi, modulasetilo wa kereke, Mme Patricia Bathai a supa boitumelo ka go tlhongwa ga moperesita go tswa Kanye, a re ke selo se se molemo thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Moletlo Wa Kereke
Date : 08 Nov 2017






