Breaking News

UNICEF e retloetsa batsadi go tlhokomela bana ka tlhoafalo

08 Nov 2017

Mmueledi wa bana go tswa kwa lekgotleng la United Nations International Children’s Emergency Fund (UNICEF), Rre Peter Siele a re nako e tsile ya gore batsadi ba tseye tlhokomelo ya bana ba bone ka tlhoafalo go itsa go nna le bana ba go tweng ke bobashi le mathata a mangwe a a apereng bana.

Rre Siele o buile jalo kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke boeteledipele jwa Maun e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng, a re batsadi bangwe ba ikgatholositse boikarabelo jwa bone.

A re batsadi bangwe ba palelwa ke go kgalemela bana fa ba simolola botsalano le borre ba dingwaga tse di kwa godimo ba sale bannye.

O bile a gakolola gore nako e tsile ya gore go kopanelwe mogopolo go simolodisiwe dikomiti tse di tshwanang le ya VDC mme di lebanye le tlhokomelo ya bana.

A re dikomiti tseo di ka thusa le gone gore di senole kwa ditagi di tshwana le motokwane le tse dingwe di rekisiwang teng.

Rre Siele a re seo se ka thusa bana ka mo nakong ya gompieno e le bone ba ba sa robalelwang ke ditlhokwa, a tlatsa ka go re dikereke le tsone di ka thusa go kgalema bosula jo bo leng teng ka bana ba tshabelelwa ke dihawa, jaaka go thubega ga malwapa.

A re go na le kakanyo ya go kopa puso go sekaseka go tlhongwa ga letsatsi la June 16 jaaka letsatsi le le faphegileng la go ikhutsa le go lemoga masula otlhe a a kileng a wela bana mo lefatsheng ka bophara.

Rre Siele o bile a tlhalosa fa bana ba na le tshwanelo ya go itse batsadi ba bone ka bobedi go sa kgathalesege gore a ba nyalane kana jang.

A re ke molato go lobela ngwana motsadi wa gagwe.

O tlhalositse fa bone e le ba UNICEF ba sa fetole sepe fela mo molaong mme ba leka go tsweledisa fela le go kgothatsa batsadi gore ba itse botlhokwa jwa dikgang tsa bana ba bone.

A re bana ba dirisiwa botlhaswa thata ka ba solofediwa dimpho tsa madi a a kwa godimo, a tlatsa ka go re go tlhabisa ditlhong gore e re motho a imisitse ngwana e bo e nna ene yo o sirelediwang.

Kgosana Babinang Majatsie a re ke nnete gore bana ba a kgokgontshiwa, mme a re bana le bone ba reetse fa batsadi ba kgalema, a tlhalosa fa bangwe ba bereka ditiro tsa maemo mme ba tlogetse batsadi go nna batlhoki.

Kgosana Elizabeth Sekeseke o ne a re ke matlhabisa ditlhong gore bontsi jwa borre ba dira bosetlhogo jwa go dirisa bana ba ba sa bueng e bile e le ba dingwaga tse kwa tlase thata.

O bile a re borre ba ba dirang jalo ba tshwanetse ba fiwa dikatlholo tse di gagametseng, a re bogologolo bana ba ne ba apara makgabe, bangwe ditshega mme gone go sa nna jaaka gompieno.

Rre Simon Gobera ene o kgadile thata melao ya lefatshe leno a re ke yone e neelang borre monyetla ka e sa gagamadiwa jaaka kwa mafatsheng a a mabapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 08 Nov 2017