Barutabana ba rotloediwa go ntsha ga tshwene
08 Nov 2017
Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Teachers’ Union (BTU) o gakolotse maloko a lekgotla leo go dira ka natla go tlhoma lefatshe leno kwa pele.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a fera bobedi lekgotla leo le ntse le le teng kwa Ghanzi bosheng, Rre Johannes Tshukudu a re le mororo ba santse ba aperwe ke dikgwetlho, ba tshwanetse go tlhoafalela thuto.
Rre Tshukudu a re ba tlhoafalele tiro ya bone mme gape bone e le baeteledipele ba tlaa tswelela ba lwela dikeletso tsa bone.
O ne a kgala barutabana ba ba sa saleng melao ya thuto le ya pereko morago, a supa fa bangwe ba betsa bana o ka re ba betsa ditonki.
O ne a ba gakolola gore ba tshwanetse go tswa ka ditsela tsa go thusa bana ba sa dirise thupa.
“Bangwe ba ikitshitse mathata kwa tirong, mogokgo o setse a bereka bone fela,” Rre Tshukudu a tlhalosa.
Rre Tshukudu yo o tlhalositseng fa tiro ya morutabana e le go bopa bokamoso, o ne a tlhagisa barutabana gore polotiki ga se ya bone, ke ya diphathi tsa sepolotiki, bone ba ka ba neela mofago fela.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore fa batsamaisi ba lefatshe leno ba sa emele dikeletso tsa barutabana, ba tlaa tsaya tshwetso ya go roma barutabana go ya kwa sepolotiking gore ba tle ba diragatse dikeletso tse di ka tokafatsang thuto.
A re ntswa ba atlegile mo dilong dingwe, mosepele wa bone go ya kwa dingwageng tse di masome a roba bobedi o ne o tletse dikgwetlho, ka jalo go botlhokwa gore moletlo wa mofuta o o ketekwe le mo dikgaolong gore ba ba tlaa tlhaelang go ya kwa moletlogading o o tlaa tshwarwang kwa Gaborone le bone ba bo ba nnile le sebaka sa go ipela.
Moletlo o ne o tswerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: 'BTU 80th years of Achievement, Challenges and vision beyond 100 years of advocacy and protection.'
Dingwe tsa dikatlego tsa bone a re ke go kopanya makgotlana a a neng a ikabile ka semorafe go dira lekgotla le le lengwe ebong BTU.
A re gape ba kgonne gore barutabana ba duelwe botoka le gore morutabana fa a ya botsetsing a tswelele ka go duelwa.
Mo godimo ga moo, a re ba tsweletse ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se segolwane sa Gantsi, Rre Batshidi Tsae a re phitlhelolo tse dingwe tsa lekgotla la BTU ke go babalela ngwao gore e fetele kwa dikokomaneng.
A re lekgotla leo le tswa kgakala le rotloetsa mmino wa Setswana le moopelo wa dinnoto.
A re go bo metshameko e le kwa mankalenkaleng ke fa go gatang BTU teng.
Rre Tsae a re lenaneo la togamaano le le itebagantseng le thuto le ithutuntsho la Education and Training Sector Strategic Plan ga le bolo go tlhokega ka le ka isa thuto kwa godimo thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Moletlo
Date : 08 Nov 2017






