Breaking News

Mokgatho wa BMW o aba ntlo

07 Nov 2017

Modulasetilo wa lekgotla la Botswana Association of Local Authorities (BALA), Moruti Mpho Moruakgomo a re le fa go na le Batswana ba matshelo a a kwa tlase, puso e na le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone.

A re seabe sa mekgatlho le Batswana ka bongwe ka bongwe se botlhokwa thata mo go thuseng puso go diragatsa maitlamo a go nyeletso lehuma.

O buile jaana a akgola mokgatlho wa boutlwelobotlhoko wa Bavarian ka go supa maikaelelo a go tlhabolola matshelo a Batswana bosheng jaaka mokgatlho oo, o o tlhamilweng ke bakgweetsi ba dikoloi tsa BMW ba abela Mme Ponaka Dipotso le Rre Pudulogo Borwa ntlo ya kamore e le nngwe, diaparo le dijo kwa Dibete.

Moruti Moruakgomo a re ditiro tsa mokgatlho wa Bavarian di supa fa ba na le maikarabelo a a kwa godimo a go tshegetsa letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.  

O supile gore lefoko la Modimo le lone le rotloetsa batho gore ba rate bangwe ka bone jaaka ba ithata.

A re go dira jalo go ka thusa go nyeletsa lehuma ka ponyo ya leitlho.

O gateletse fa se se dirilweng ke mokgatlho wa Bavarian se tlotlomatsa seriti sa yo o abelwang.

Moruti Moruakgomo a re dingwe tsa ditiro tse di dirilweng ke mokgatlho wa Bavarian ke gore ba Maun BMW ba ikgethetse go thusa lekgotla la Bana ba Metsi fa kwa Moshupa ba Moshville bone ba itshwaragantse le ofisi ya botsogo go thusa go anamisa molaetsa mo setshabeng ka malwetse a a sa tshelanweng.

Moruti Moruakgomo a re makgotlana a a ka fa tlase ga mokgatho wa BMW mo Botswana a tlhoka go akgolwa ka gore ba supa fa ba sa rotloetse botlhoka tsebe.

A re ba dirile jalo ka thuso ya bagwebi bangwe jaaka ba Capital Motors le Just Bricks.

O ba kgothaditse gore mowa wa neelano, lorato le kutlwelobotlhoko o age mo dipelong tsa bone.

Rre Moruakgomo o gakolotse mokgatlho wa Bavarian go ikgapha mo go diriseng nnotagi ba kgweetsa, go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le laotsweng go fokotsa dikotsi tsa tsela.

Moemedi wa mokgatho wa Bavarian, Rre Godiraone Ramontsho a re seemo sa ga Mme Dipotso le Rre Borwa se lemogilwe ke mongwe wa moloko a le mo mosepeleng a feta ka Dibete.

E rile a bua mo boemong jwa Kgosi wa Dibete, Kgosana wa kgotlana ya Maemela, Rre Solomon Senne a gakolola bobedi joo go nyalana gore ba kgone go dirisa dithoto tsa lelwapa la bone ba sa kgorelediwe ke sepe.

O ba kopile go tlhokomela ntlo e ba e agetsweng a re ga a eletse go utlwa kamoso go twe ba rekisitse lelwapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : DIBETE

Event : Kabo Ya Ntlo

Date : 07 Nov 2017