Breaking News

Tona Makgato o supa matshwenyego

07 Nov 2017

Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o supile matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase tsa magolegwa a a ikoketsang dithuto kwa kgolegelong ya Machaneng.

A re dipalo ga di itumedise ka mo magolegweng a le 81 a a kwa kgolegelong eo, ba le 21 ke bone fela ba ba ikoketsang dithuto mme bontsi e le banana ba ba kabong ba tsaya sebaka sa go ikoketsa dithuto.

Mme Makgato o ne a rotloetsa magolegwa go ititaya ka thupana.

Mme Makgato o ne a bua jalo fa a ile go lekola magolegwa kwa kgolegelong ya Machaneng bosheng.

A re thuto e ka ba solegela molemo fa ba gololwa.  

O ne a supa fa a itumedisiwa ke dipego tsa gore magolegwa a kgolegelo eo ba na le boitshwaro jo bo itumedisang e bile go solofetsa gore ba tlaa agega sesha ba bo ba tswa batho ba ba eletsegang mo setshabeng.

Mme Makgato o ne a abela kgolegelo eo paka ya ditlhopha di le pedi tsa kgwele ya dinao le dibolo di le pedi.

Fa a lekodisa, mogolwane kwa kgolegelong, Assistant Superintendant Obert Pilato a re kgolegelo ya Machaneng ga e na mosuke.  

A re go na le ba ba atlhotsweng mme ba direla kwa diofising tse di farologaneng tsa puso mme mo go bone go na le banna ba le 22 le mosadi.

A re go na le magolegwa a le 11 ba ba ithutang ka tsa Baebele mme ba dira sentle.

A re ba etelwa ke dikereke ka go farologana go tswa mo Machaneng go rerela magolegwa lefoko la Modimo.  

Magolegwa ba ne ba lebogela loeto la ga Mme Makgato ba bolela fa go bonala fa a kgathala ka batho ba kgaolo ya gagwe.

Ba ne ba kopa puso go sekaseka gore a melato e mebotlana e e tshwanang le ya dititeo e ka seke e sekelwe kwa kgotleng mme motho a atlholelwe dithupa go na le gore badira molato ba tlatse dikgolegelo.

Ba ne ba kopa gore go simolodisiwe dithuto tsa ditiro tsa diatla tse di dirwang kwa dikgolegelong tse dingwe di tshwana le go roka ka di ka ba thusa fa ba sena go tswa mo kgolegelong.

Magolegwa ba kopile go agelwa lefelo le ba ka ithutelang mo go lone, ba bolela fa ba ithutela ka fa tlase ga setlhare mme go sa ba siamela le gore ba baakanyediwe lefelo le ba jelang mo go lone ka tante e ba e dirisang e setse e le makgasa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MACHANENG

Event : Phuthego

Date : 07 Nov 2017