Breaking News

Batho ba le bane ba tlhokafetse mo kotsing ya koloi

07 Nov 2017

Batho ba le bane mo go bone go le banna ba le bararo le mosadi ba tlhokafetse bosheng fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e thulana le bese e e neng e tswa bokone e ya borwa jwa lefatshe leno.

Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Superintendent Kgosienalerona Sechoni a re kotsi eo, e diragetse mo tseleng ya A1 gaufi le Capricon ka nako ya bone mo mosong.

Rre Sechoni o boletse mo potsolotsong le BOPA gore le fa go sena ope yo o tlhokafetseng mo besing eo, go ne go na le batho ba ba boneng dikgobalo tse di masisi fa ba bangwe ba robegile maoto.

A re batho ba le barataro ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse ditsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo.

Direpa tsa batho bao di beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka, fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : DIBETE

Event : Potsolotso

Date : 07 Nov 2017