Kgosi Dipuo o se kotame
06 Nov 2017
Semelemethe sa batho go akarediwa tona wa thuto ya dikole tse dikgolwane, Dr Alfred Madigele e rile ka mafelo a beke sa ketemela kwa Gasegwagwa go ya go iponela ka oo-mabedi jaaka Kgosi Isaac-a-Botlhasetse-a-Dipuo-a-Botlhasetse-a-Serei-a-Mogakabe a ne a tlhongwa mo setilong.
E rile a mo tlhoma mo setilong, Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe a tlhalosetsa Kgosi Dipuo fa bogosi bo tshwana le bojalwa bo taga mme a mo kopa go tlotla le go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekano.
A re fa a ka dira jalo o tlaa tlotlwa ke morafe.
Kgosi Mathiba gape o ne a tlhagisa Kgosi Dipuo gore a itse fa a tlaa tlotlwa le ke batho ba bagolo thata mo go ene ba bo ba mo sutela mo ditilong fa a goroga mme a mo kopa go lebogela selo seo gonale go se tsaya ele tshwanelo.
Kgosi Mathiba, yo e bileng e le mongwe wa balemi ba popota mo Borwa, o ne a gatelela fa go le botlhokwa gore Kgosi a iperekele ka natla yotlhe, a tlhalosa fa go dira jalo go ka mo thusa go tila go iphitlhela a amogetse dimpho dingwe tse a ka di fiwang ke bangwe ka maikaelelo a go mmipa molomo a tloge a felele a busa ka tshokamo.
Kgosi Mathiba o bile a kopa Kgosi Dipuo go amogela baeng mo motseng wa gagwe, a re go dira jalo go ka thusa go tlhabolola motse.
A re go amogela baeng go ka ba tlela ka dikitso le methale mengwe e mesha ya go dira dilo tse di ka tokafatsang matshelo a beng-gae.
O ikuetse fa a tshwenngwa ke gore bangwe Batswana ga ba amogele Batswana ka bone ba ba tlholegang kwa mafelong a sele ba bo ba ba bitse Batswakwa, selo se a tlhalositseng fa se le kgatlhanong le molao.
Gape o kopile Kgosi Dipuo yo o santseng e le monana go itlwaetsa go etela mafelo a mangwe, selo se a reng se ka mo fa megopolo e a ka tlang go tlhabolola motse ka yone.
Kgosi Mathiba o ne a gwetlha Kgosi Dipuo gore e le monana, a batle maano a sesha a go tlhabolola motse, segolo jang a ikaegile ka di-tsa tlholego tse di ka fitlhelwang mo kgaolong ya gagwe jaaka tlhojana yoo-Mogakabe e e kwa Bophirima jwa motse oo.
O mo file sekai ka Khawa kwa Kgalagadi a ba a tlhalosa gore metshameko ya dithuuthuu ya ngwaga le ngwaga e e tshwarelwang koo e o tumisitse e bile banni ba koo ba roba sengwe mo go yone.
E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa lephata la makgotla a Setswana, Mme Masego Mooketsi a re puso e lebogela seabe sa dikgosi mo pusong eno ya batho ka batho.
A re puso e lebogela gore dikgosi di dirile mothao o o lolameng o maduo a one a akolwang ke Batswana botlhe gompieno mo lefatsheng leno mo e bileng le melediwa mathe ke ditshaba.
Mme Mooketsi le ene o ne a kopa Kgosi Dipuo go tlotla le go direla morafe ka bojotlhe le go nna pinagare ya mongwe le mongwe ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore a ke mohumi kgotsa mohumanegi.
Mookamedi gape o ne a akgolela morafe wa Gasegwagwa go bo o tlhomile Kgosi Dipuo mo setilong go sena mokgwasa.
A re o tshwenngwa ke ditsheko tsa go lwela bogosi tse di golelang pele e bile go le gantsi di felela kwa makgotleng a ditsheko mo mafelong mangwe mme bone a ba lebogela go bo ba tlositse dipharologanyo tsa bone ka kagiso.
Mme Mooketsi o solofeditse fa a tlaa rulaganyetsa Kgosi Dipuo le bangwe ba basha jaaka ene dithuto tse di tlaa ba thusang go dira tiro ya bone ka botlalo.
Dr Madigele e rile a leboga a kopa morafe go tlotla Kgosi Dipuo a ba a tlhalosa fa go tlotla kgosi e le go boifa Modimo.
Dr Madigele gape o kopile Mookamedi go fefogela dikgang tse di ka thusang dikgosi go dira tiro ya tsone ka bofefo.
Ya re a amogela thomo, Kgosi Dipuo a tlhalosa fa a tlhaloganya gore bogosi ke jone mokwatla wa puso ya batho ka batho e e renang mo lefatsheng leno, ka jalo a re e le kgosi le ene o itse fa a tshwanetse go tlotla bogosi.
Kgosi Dipuo gape o solofeditse morafe fa a tlaa tlotla mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a ke mohumi kgotsa mohumanegi e bile a tlaa ila pipamolomo lobaibai.
Morafe one wa abela Kgosi Dipuo dikgomo, dihutshane, madi, dikoko, dijo le didirisiwa tsa ntlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : GASEGWAGWA
Event : Go Tlhomiwa Ga Kgosi
Date : 06 Nov 2017






