Moalosi o rotloetsa tirisano mmogo
05 Nov 2017
Lekalana le le dirang le tsa dintsho le matsalo le kopile ba-na-le seabe botlhe go tshwaragana gore ba kgone go hema dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong ya bone ya go kwadisa dintsho le manyalo.
Fa a ema ka lefoko phuthego e e neng e tshwaretswe kwa Tsabong bosheng, Mme Modiro Moalosi yo o okametseng lephata la merero ya setshaba, mesepele le tsa bong mo Kgalagadi, o tlhalositse gore go lebega go na le dipharologanyo mo tirong ya bone fa ba tlatsa difomo tsa dintsho le matsalo, selo sea reng se dira tiro ya bone bokete.
A re go botlhokwa gore babelegisi, mapodisi, dikgosi, bakwaledi le ba lephata la mesepele le tsa bong ba dire mmogo ba tshwaragane gore tiro ya bone e kgone go nna motlhoho le gone gore ba kgone go dira selo se le sengwe.
O boletse gore seemo se se dira gore ba seka ba kgona go tsaya dipalo tsa batho sentle, selo se a reng se kgoreletsa ditlhabololo ka jaana dipalo e a bo e se tsone.
O tlhalositse fa bokopano joo bo tlaa thusa go tokafatsa kitso mo tirong le gone gore tiro e dirwe ka manontlhotlho.
A re seemo sa go tlhoka go tlatsa difomo sentle se borai ka jaana se kgona go rotloetsa tshenyetso setshaba ka gore manweenwee a kgona go felela a utswela batswakwa ditlankana tsa matsalo.
Ba-na-le seabe ba ba neng ba tsene phuthego eo ba tlhalositse gore tiro ya bone e na le dikgwetlho ka gore gantsi batho ba tla ba sena bo Omang mme seo se dire gore ba felele ba sa tlatsa.
Ba re nako tse dingwe bothata jo ba kopanang le jone ke gore bana ba bangwe ba tsholelwa kwa ntle ga lefatshe mme fa go tla nako ya gore ba kwadisiwe batsadi ba bone ga ba bolelele bodiredi nnete, mme mo tsamaong ya nako go lemosege gore go ntse le boferere.
Ba botsogo ba tlhalositse gore bommabana fa ba ile kwa kokelong go tshola ba gana go bua maina a borabana mme se se ree gore ba felela ba sa feleletsa go tlatsa fomo ya matsalo e mo go yone go batlwang leina ka botlalo la rangwana.
Modiri mo lephateng la Omang, Mme Story Ramorwa o tlhalositse gore ba tshwanetse go bolelela batho ba ba ba fang dithuso gore ga go ka fa molaong gore ba seka ba tlatsa difomo le gone go tswa kwa sepatela ba sa fa bana maina.
O tsweletse ka go re batho ba tshwanetse go fa bana maina a a nang le seriti ka gore go fetola leina fa ngwana a setse a godile ke kgwetlho.
Phuthego eo e ne ya dumalana gore go ya kwa pele go botlhokwa gore go nne le thuto mo setshabeng ka kakaretso ka go lebega bontsi jwa batho bo sa tsee kgang ya go kwadisa dintsho le matsalo tsia. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 05 Nov 2017






