Breaking News

Puso e ititaya ka thupa go thusa Batswana

05 Nov 2017

Molomaganya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong-potlana ya Good Hope, Rre Phineas Lebese a re puso e ne ya tla ka mananeo a a itebagantseng le losika loo motho ka maikaelelo a  go ntsha Batswana mo lehumeng, a mangwe a one e leng la SHHA, la LIMID le a mangwe.

Rre Lebese o buile jaana kwa Magoriapitse fa a ne a bula semmuso ntlo e e agetsweng motlhoki bosheng.

Ntlo eo ya dikamore tse tlhano ka ya matlhapelo, e ne ya neelwa Mme Kegaisamang Keemetswe yo e leng motlhoka pono semmuso.

Rre Lebese a re puso e ne ya sekaseka matshelo a Batswana, mme ga lemotshega botshelo jwa bone bo farologana, ka jaana maduo a ditshekatsheko tseo e nnile gore bangwe mo go bone ke ba ba tlhokileng lesego kgotsa ba ba sa kgoneng go itshetsa.

O tlhalositse gore godimo ga dilo tsotlhe puso e ne ya lemoga gore motho ga a kake a tshela sentle a sena bonno ka e le jone bo fang motho seriti, ka jalo go agela batho bonno ya nna mangwe a mananeo a puso e a tlhomang kwa pele.

Rre Lebese a re ke ka moo go nang le lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo, a re dikhansele di agela batho ba ba tlhokileng lesego matlo e le maiteko a go tlhabolola matshelo a Batswana.

O tlhalositse gore ntlo eo ke ya bomasome a mabedi le boraro go agwa mo kgaolong-potlana ya Good Hope ngwaga ono ka lenaneo la go agela batlhoki matlo ke khansele eo mme le ikaegile ka la ga Tautona.

Rre Lebese a re o itumeletse go utlwa fa batho ba ba neng ba neetswe boikarabelo jwa go tlhokomela kago ya ntlo eo ba dirile tiro eo ka neelano, ba tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse.

A re ke ka moo tiro e tsweletseng ka thelelo, a gatelela ka go re go a itumedisa go bona komoiti ya ditlhabololo tsa motse e bopagane boglo jang ka go supegile fa bontsi jwa dilwana tse di ntshitsweng ka boithaopo di dule mo go bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Geoffrey Khoane o boletse fa go tsere dikgwedi tse tharo go neela Mme Keemetswe ntlo eo ka jaana a ne a supile fa a sena dilwana le tsone tota tse di jelang go ka di dirisa mo ntlong eo, mme seo sa dia thulaganyo ka ba VDC ba ne ba santse ba mo kopela dithuso mo morafeng go mo kgontsha go ka fudugela mo ntlong eo, mme ba atlega ba bona didirisiwa, fa ba komiti ya VDC bone ba mo reketse dijo, melora le tse dingwe.

Kgosana wa motse oo, Rre Letlhogonolo Moses o lebogetse kago ya ntlo eo, a supa fa e le ya bone go agwa mo motsing wa gagwe e bile a supa fa bangwe ba khamphani e e ikemetseng le bone ba supile fa e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo ba age matlo a batlhoki a le mabedi mo Magoriapitse.

O kopile mme yo o sa tswang go neelwa ntlo eo ene le bana ba gagwe go e tlhokomela thata, a kopa morafe gore le one o kganele leruo go tsena mo lapeng leo ka le ka dira tshenyo e ntsi.

A re ba ntshe leruo mo motsing ka le dira tshenyo e ntsi e bile le ba itsa go kgabisa malwapa ka go jwala ditlhare le dithunya ka ntlha ya tshenyo ya loruo.

Kgosi o lebogetse morafe mowa wa lorato go thusa Mme Keemetswe ka tse a di tlhokang, mme a ba kopa go tswelela fela jalo ka go emana nokeng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Keemetswe o supile fa e le boitumelo jo bogolo mo go ene go bo puso e mo file seriti ka go mo agela ntlo.

A re seo se tlaa tokafatsa botshelo jwa gagwe thata ene le bana ba gagwe ba bararo le ditlogolwana tse pedi.

Dibui ka go farologana gammogo le mokhanselara, Rre Charles Modimothebe ba kopile morwadie mme yoo go tlhokomela motsadi wa gagwe le ntlo eo, ka e le ene matlho a gagwe ba mo kopile go fa motsadi wa gagwe lorato le tlhokomelo e e tseneletseng, ba tlhalosa gore jaaka e le motlhoka pono, o tlhoka lorato le bopelotelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : MAGORIAPITSE

Event : Pulo Semmuso ya Ntlo

Date : 05 Nov 2017