Lenaneo la go abela dikgaolo madi ke la nakwana - Molefe
05 Nov 2017
Banni ba Mahalapye Bophirima ba tlhaloseditswe mo diphuthegong tsa kgotla gore lenaneo la go abela dikgaolo tsa botlhophi P10m ke la nakwana mme le tlaa wela morago ga dingwaga tse tharo.
Tlhaloso e, e dirilwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe mo diphuthegong tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
A re P10m o tlaa dirisiwa go kaba diphatlha tse di tlogetsweng ke mananeo a mangwe a ditlhabololo.
O supile gape gore lenaneo le, ga le a tla go emisetsa mananeo a mangwe a go dira ditlhabololo.
Rre Molefe a re ditiro tsa ditlhabololo tse di akanyeditsweng go dirwa ka lenaneo la ditlhabololo la setshaba (National Development Plan) le la dikgaolo (District Development Plan) di tlaa dirwa jaaka di rulagantswe.
Rre Molefe a re mo Mahalapye Bophirima, P10m o tlaa dirisediwa ditiro tsa ditlhabololo di le lesome le bosupa di akaretsa magareng ga tse dingwe go agwa ga maobo a dikgotlana tse tharo mo Mahalapye e leng tsa Parwe, Mahalapye West le Dilaene 2, go tsenya moalo wa ditena mo ditseleng tse di ralalang motse di le thataro le go tsenya dipone tse di dirisang marang a letsatsi.
Le fa go ne di ise di simolole, Rre Molefe a re maikaelelo ke gore di wele pele ga ngwaga wa madi o wela.
Mo go tse dingwe tsa mananeo a ditlhabololo, Mopalamente Molefe o supile gore mafaratlhatlha a go tokafatsa le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Mahalapye a wetse, e bile konteraka e setse e roletse ba koporase ya metsi se ba se dirileng.
Mopalamente a re tiro eo e ne e akaretsa go tsenya diphaephe tse disha, go oketsa tanka ya metsi gore Mahalapye a nne le metsi a a lekaneng go tsena ka ngwaga wa 2035.
O supile gape gore tiro eo e tlaa thusa go fokotsa metsi a a ntseng a senyega ka mabaka a diphaephe tse di dutlang.
O supile gape gore nngwe ya ditiro tse di weditsweng ke go shafadiwa ga diofisi tsa mapodisi tse dikgologolo mo Mahalapye.
Rre Molefe a re tiro eo e tla thusa gore dipalo tsa mapodisi di oketsege gore ba tle ba leke go lwantsha dikgang tsa borukuthi tse di tshwenyang mo Mahalapye.
Mopalamente Molefe o tlhaloseditse banni ba Mahalapye gore kago ya maemelo a dibese e solofetswe go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 le mafaratlhatlha a diphaephe le mesele e e laolang metsi a pula go itsa merwalela mo malwapeng.
Banni ba ne ba lekodisa Mopalamente gore ba tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi jwa leruo le gore mo nakong eno Mahalapye o na le mafelo a a letlelelwang go tlhaba dikgomo a le mantsi, ka jalo ba na le pelaelo ya gore seemo seo se ka nna le seabe mo go gakatseng bogodu jwa leruo.
Ba supile botlhokwa jwa gore go agwe matlhabelo a a tlaa laolwang ke khansele.
E rile a tsibogela kgang e, Rre Molefe a dumalana le bone mme a re kgakololo e e ntshitsweng ke gore khansele e eletsa go tshwaraganela tiro ya go tsamaisa matlhabelo le bagwebi ba ba ikemetseng.
A re mo nakong eno go na le mafelo a beng a a tlhatlhobilweng, e bile a filwe tetla ya go tlhaba dikgomo di le lesome le boroba bongwe mo Mahalapye.
A re kgang kgolo ke gore bogodu jwa leruo bo a tshwenya, ka jalo maikaelelo a go dira matlhabelo ke go leka go laola seemo se.
Rre Molefe o ne gape a itsese morafe gore le fa terena ya setshaba e buseditswe mo tseleng, maemelo a terena mo Mahalapye ke mangwe a a seng mo tirisong.
O tlhalositse gore tsholofelo ke gore maemelo a terena mo Mahalapye a baakanngwe mo ngwageng wa madi o o tlang.
Mopalamente Molefe o supile gape gore ditiro tsa go tokafatsa dikago tsa dikole jaaka sa Fredrick Maherero le go atolosa kokelwana ya Madiba, di tlaa dirwa ka madi a a ntshitsweng ka lenaneo la go rudisa itsholelo.
A re go shafadiwa ga dikago tsa sekole se sebotlana sa Mowana go ne ga emisiwa ke mathata a yo a neng a abetswe go dira tiro eo, ka jalo go tlaa batlwa konteraka e nngwe go tsweledisa tiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 05 Nov 2017






