Lelatisitswe o lekodisitse banni ka melao
02 Nov 2017
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o lekodisitse banni ba dikgotlana tsa Nkosho, Kgongwe, Mmatlakgomo, Mmashulai, Bokolobeng le Tawana ka melawana e e fetisitsweng kwa palamenteng.
Mopalamente Lelatisitswe o ba lekodisitse jalo fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa dikgotlaneng tseo ka Labobedi.
Rre Lelatisitswe a re go fetisitswe molao tlaleletso wa kabo ditsha o ka one go dirilweng lenaneo la go kwadisa ditsha sesha ka maikaelelo a go ntsha ditlankana tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re ditlakana tse di tlaa thusa Batswana thata ka jaana ba ntse ba sa kgone go dira di Title Deed, a tlatsa ka go re ba tlaa kgona go beeletsa ka tsone ba adima madi kwa dibankeng.
Rre Lelatisitswe a re ditlankana tse di ya go dira gore ditsha di nne turu, ka jalo a gwetlha banni gore ba somarele lefatshe la bone.
A re ba kabo ditsha ba tlaa bo ba kwadisa ditsha go fitlhelela kgwedi ya Sedimonthole e wela, a tlhalosa gore ba ba tlaa bong ba sa kwadisa mo nakong e e beilwe ba tsile go dirisa madi a mantsi fa ba kwadisa.
O ne gape a tlhalosa fa ba fetisitse molao o o tsholetsang sekole sa BOCODOL maemo go nna university, mme e ntse e le sa thuto ka tlhaeletsanyo.
A re molawana o mongwe ke wa tlaleletso wa Omang o o fang mogolwane wa lephata go thusa batho ba ba senang boOmang go ba dira motlhofo, basupi ba ikana kwa ga molaodi le mapodisi go rurifatsa.
Rre Lelatisitswe a re go ntse go le thata gore batho ba ba senang boOmang ba thusiwe ka dipampiri di ne di ya go sekasekwa kwa diofising tse dikgolo.
A re o mongwe molao, ke wa magolegwa a Batswakwa o o ba letlelelang go ya go wetsa lebaka la bone la kgolegelo kwa mafatsheng a bone.
Mopalamente o ne gape a ba lekodisa ka ditlhabololo tse di tsweletseng le tse di tlaa dirwang mo kgaolong di akaretsa diofisi tsa sepodisi tsa kgaolo ya District No.8, a tlholosa gore go nnile le madiadia di kabo di simolotswe ka Phatwe.
O tlhalositse fa sepatela sone se tlaa dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/2019, a tlatsa ka go re go ya go dirwa phatlalatso ya metsi, motlakase le tsela tsa lokgarapana kwa kgotleng ya Letsibogo Extension ka lenaneo la ESP.
Rre Lelatisitswe o boletse fa ba kompone ya Debswana le moepo wa Karowe ba tsentse letsogo mo ditlhabololong tsa kgaolo, a supa fa ba moepo wa Karowe ba tlaa aga lebala la metshameko mo Letlhakane ka P43million.
A re Debswana e tlaa dira katoloso ya ntlo ya pelegelo kwa sepateleng sa Letlhakane ka P5million, a a kgobokantsweng ka mogwanto wa mogolwane wa kompone.
Rre Lelatisitswe a re ka madi a kgaolo, ba ya go tsenya dipone tsa mo mokgwatheng tsa marang a letsatsi mo Letlhakane, a tlhalosa gape gore ba Debswana ba itlamile go tsenya tse dingwe ntlha e ngwe ya motse.
O boletse fa lenaneo la kago ya matlwana a borutelo a sekole se se botlana sa Supang le wetse mme go saletse kwa morago matlo a boroko.
A re lenaneo la sekole se sebotlana sa Seaseole le lone le tsweletse, a tlhalosa fa ba solofetse go simolodisiwa ga dikago tsa matlhatlaganyane kwa sekoleng se sebotlana sa Mokani mo bogaufing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 02 Nov 2017






