Temo ya merogo e bogadi bo gaufi
02 Nov 2017
Banni ba Mahalapye ba rotloeditswe go dirisa tshingwana ya merogo go itirela madi gore ba kgone go ikinola mo lehumeng.
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe a re puso e dirisa P35 million go tlhabolola tshingwana eo, mme e tlaa dirisa metsi a a phepafaditsweng go tswa mo matangwaneng a kgopho ya metsi a a leswe.
O buile jalo a buisa phuthego kwa kgotlaneng ya Mowana mo Mahalapye ka Labobedi, a supa gore go fitlha ka jaana go setse go kwadisitse batho ba le masome mabedi le botlhano ba ba tsweletseng ka temo ya merogo.
Rre Molefe a re temo ya merogo e bogadi bo gaufi ka jalo o rotloeditse banni ba Mahalapye go dirisa sebaka se ba se filweng go tokafatsa matshelo a bone ka go dirisa lenaneo la nyeletso lehuma.
A re keletso ya gagwe ke go bona dipalo tsa ba ba nang le kgatlhego ya go lema merogo ba oketsega.
O ne a rotloetsa ba ba eletsang go tsena mo temong ya merogo ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma gore ba ikopanye le ofisi ya ga molaodi mo Mahalapye gore ba kgone go abelwa masingwana a ba ka lemang mo go one.
Rre Molefe a re baikopedi ba ba tsweletseng mo nakong eno ba itebagantse thata le temo ya tamati, jalo a ba rotloetsa go oketsa dipalo tse le go lema mefuta e mengwe ya merogo le maungo ka go farologana.
A re puso e tlhabolotse tshingwana eo ka go gokela diphaephe tse di tsamaisang metsi a a nosetsang, go abela balemi didirisiwa tsotlhe tse di tlhokwang mo temong ya merogo le maungo le gone go nna ba fiwa bogakolodi jo bo tshwanetseng.
Rre Molefe o supile gape gore ka motlha wa thobo balemi bao ba merogo ba tlaa thusiwa ka sepalamo go isa thobo kwa marekisetsong.
O gateletse gore banni ba Mahalapye ba inaakanye le lenaneo le, ka gore le bogadi bo gaufi gape ke la sennela ruri ka le dirisa metsi a a tswang mo matangwaneng a kgopo ya metsi a a leswe.
E re dikgang di eme jalo, banni ba kgotlana ya Mowana ba supa gore ba tshwenngwa ke gore go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba saleng ba rutuntshitswe ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme ba ise ba bone thuso.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Bazuka Baatweng o kopile gore morafe o nne o lekodisiwa ka nako ka se se ka tswang se dira gore baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba nne sebaka ba sa bone thuso.
Rre Baatweng a re palo ya batho ba ba thusiwang ka lenaneo la nyeletso lehuma e tshwanetse ya laolwa ke madi go itsa gore batho ba nne lobaka ba sa bone thuso le ntswa ba rutuntshitswe.
Mopalamente o supile botlhokwa jwa gore morafe o nne o fiwa tekodiso kgapetsakgapetsa ka sepe fela se se amanang le matshelo a bone.
E rile a itebaganya le go diega go thusa ba ba rutuntshitsweng mo dikgwebong ka go farologana ka lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Molefe a supa gore madi a a neng a abetswe kgaolo ya Mahalapye a ne a seka a lekana go thusa botlhe ba ba sekasekilweng.
Rre Molefe a re kgaolwana ya Mahalapye e ne e tlhoka P42 million go thusa dikgwebo tsotlhe tse di amogetsweng go dirwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mme ba palelwa ka gore ba feleletse ba filwe madi a mannye. Le fa go ntse jalo, a re ba gakolotse tona wa ofisi ya ga Tautona go kopa madi a mooketsa gore botlhe ba ba saletseng kwa morago ba kgone go thusiwa. BOPA
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 02 Nov 2017






