Metlhala ya khumo e mentsi
01 Nov 2017
Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo la Operation Metlhala ya Khumo go rotloetsa Batswana go itirela dikgwebo.
Rre Butale o buile jaana ka letsatsi la go rekisa moono oo kwa Masunga ka Labotlhano.
A re ka lenaneo leo maphata otlhe a a fa tlase ga lephata leo le a a ekemetseng a tshwaragane go fa ditirelo tse di rotloetsang kgwebo, ka ba kgobokana mo lefelong le le lengwe, ba rute batho ka ditirelo tsa bone le methale e ba ka e dirisang go ipetlela isago.
A re gape maikaelelo a lenaneo leo la metlhala ya khumo le gwetlha Batswana go tsena mo dikgwebong le go godisa bagwebi.
O supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa Batswana di dira dithoto tsa selekanyo sa bosupa mo lekgolong, fa bontlha bongwe e le jwa dithoto tse di rekwang kwa mafatsheng a sele, selo se a kaileng se santse se kokonela mmaraka wa lefatshe leno, ka lefatshe le latlhegelwa ke diketekete tsa madi ka go reka dithoto kwa ntle.
Rre Butale o tbolela fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi, a gatelela ka gore mo Bokone Botlhaba go na le metswedi e mentsi ya khumo e batho ba ka e dirisang go tlhabolola matshelo a bone, le gone go direla Batswana ba bangwe ditiro.
A re go letamo la Ntimbale le le ka dirisiwang go ngoka bajanala, lefelo la Domboshaba le mafelo a mangwe a le one a ka dirisiwang go tlhama ditiro, mme ka madi ao ba kgone go tlhabolola matshelo a bone le go tsenya madi mo letloleng la lefatshe.
O ne a bolela fa makalana a tshwana la LEA, CEDA le a mangwe a ka ba sedimosetsa ka fa ba ka dirang dikgwebo tsa bone ka teng.
A re LEA e ka ba thusa gore ba bone mmaraka, gape le go ba ruta ka fa ba ka tsamaisang kgwebo le go tsamaisa dibuka tsa kgwebo.
Gape o ne a ba kopa go inaakanya le ba lekalana la dikoporase go utlwa ka ditirelo tse ba nang natso, a supa fa go na le lenaneo la kadimiso ya madi la SACCOS le le fa tlase ga dikoporase, a re lenaneo leo le dira sentle ba ka le itirela mo Masunga.
Maphata ka go farologana go balelwa lephata la baji-bareki, CEDA, LEA, SPEDU le la Competition Authority a ne a nna le nako ya go rekisetsa batho ditirelo tsa one.
Fa a amogela baeng, Kgosi Thabo Monaga o ne a leboga lephata leo go bo le bone go tshwanela go dira tiro ya mothale oo. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MASUNGA
Event : Bokopano
Date : 01 Nov 2017






