Breaking News

Thulaganyo e tsamaya sentle

01 Nov 2017

Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Dr Alfred Madigele, o abetse banni ba Ga-segwagwa P10 000 le kgomo go thusa mo moketeng wa peo ya kgosana.

Tona Madigele, yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o rotse dimpho tseo mo phuthegong ya tekodiso ka dipaakanyo tsa tiro eo ka Labobedi.

Peo ya ga Rre Isaac Dipuo semmuso, yo e leng kgosana e e sekisang e be e atlhola, e tlaa bo e tshwaretswe kwa Ga-segwagwa ka Labotlhano.
Tona Madigele o tlhalositse fa keletso ya gagwe e le gore madi ao a lebagane thata le theko ya dijo ka go supagala morafe o tlaa nna montsi.

A re go botlhokwa gore dijo e nne tse di tlaa lekanang go alosa morafe, bogolo jang ka bontlha bongwe jwa madi a a kokoantsweng go tlhalositswe fa a tlaa tsewa ke go hirisa ditante.

Tona o ne a leboga thata komiti e e thusiwang ke ba ofisi ya ga molaodi le bodiredi jo bongwe jwa puso jo bo akaretsang; badiredi ba makgotla a Setswana le morafe ka kakaretso go dira ka natla, selo se a rileng se a mo kgotsofatsa gore tiro e tlaa tswelela sentle.

E rile modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang tiro eo, Mme Keolebogile Naolakgosi a ntsha tekodiso, a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata e bile ba solofetse balalediwa ba tlotla ba feta lekgolo.

A re ka jalo ke maikaelelo a bone gore e nne tiro e e tlaa kgatlhang leitlho.

O boletse fa e nnile mosepele o moleele go baakanyetsa tiro eo, e bile go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng.

Mme Naolakgosi o tlhalositse fa ba kokoantse madi a a fetang dikete tsa dipula di le masome a mabedi le bone, dikgomo tse nne go balelwa le ya ga tona, dipodi di fera bongwe le dijo dingwe.

O tlhalositse fa dimpho tsa go nna jalo di ntshitswe ka boithaopo.

A re bontlha bongwe jwa madi bo tlaa dirisiwa go duela tante le badiragatsi ba ba tlaa natetshang letsatsi.

Fa a tswa la gagwe, Kgosana Dipuo o ne a lebogela dimpho tse tona a di roletseng morafe, a re go a itumedisa go bona a tlhakanetse le bone tiro. BOPA

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : GA-SEGWAGWA

Event : phuthegong ya tekodiso ka dipaakanyo tsa peo ya kgosi

Date : 01 Nov 2017