Ba rotloediwa go ja maungo le go itshidila mmele
01 Nov 2017
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile a re go ja maungo le merogo go kopantswe le itshidilo mmele go ka fokotsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng.
Rre Kesupile yo e neng e le mokgothatsi wa letsatsi, o buile jalo morago ga mogwanto kwa Molapowabojang.
Maikaelelo a mogwanto e ne e le go ruta setshaba ka malwetse a a sa tshelanweng, segolo bogolo madi a matona le sukiri.
O ne a bua se a itebagantse le setlhogo sa letsatsi se se reng Go Ja Maungo le Merogo go ka Tsisa Pharologanyo mo Botsogong jwa gago.”
Rre Kesupile o boletse fa go tshwenya gore batho ba je dijo ba sena kelelelo mme morago ba digele ka bojalwa ba sa lemoge fa ba koafatsa mebele ya bone.
Le fa go ntse jalo, Mopalamente Kesupile a re o tshwentswe ke gore batho ba go nna jalo, e a re morago ba lebe kwa kokelong kwa ba solofelang gore baoki ba busetse mebele ya bone kwa tshiamong, ba sa itsee motlhala.
Morulaganyi wa malwetse a a sa tshelanweng kwa lephateng la botsogo, Mme Puna Shatera o boletse fa ba itemogetse fa malwetse a a sa tshelanweng a ganyaola batho go gaisa a a tshelanwang.
A re Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o tshwentswe ke ka fa malwetse a a sa tshelanweng a golang ka teng, mme e bile a bolaya setshaba, segolo bogolo banana.
Mme Shatera o tlhalositse fa malwetse a tshwana le kankere, madi a matona, go swa mhama a rotloediwa thata ke bojalwa, motsoko, go ja mo go sa itekanelang le go sa itshidila mmele.
A re fa motho a a ja phetelela, mmele o tsaya selekanyo sa one, mme mo go setseng go ikokoanye mo mmeleng kwa morago go felele go baka malwetse.
“Mmele o sila dijo o di anamisa le mmele, mme le motho o tshwanetse a thusa mmele go di sila ka go itshidila” ga tlatsa Mme Shatira.
Le fa go ntse jalo, Mme Shatera a re go ya ka dipatlisiso, baitseanape ba bolela fa motho a tshwanetse go itse gore o tshwanetse go ja eng, ka selekanyo se se kae, le gore o ja ga kae ka letsatsi.
A re gape boitseanape bo tlhalositse gore motho o tshwanetse go ja dijo tse di lekanang le lebole la gagwe, nama e e selekanyo sa legare la seatla sa gagwe le morogo wa selekanyo sa mabogo ka bobedi a patagane.
Mooki yo motona kwa kokelwana ya Lotlhakane East, gape e le morulaganyi wa mogwanto o, Mme Berlinah Radikgomo, o boletse fa ba sale ba simolola go tlhoma lobelo ka Mopitlo 2011, mme ba ntse ba tsweletse ka dithuto tsa go nna jaana mo morafeng.
A re maitlamo a konokono ke go tlhatlhelela setshaba go nna le kitso ya go thibela le go laola malwetse a a sa tshelanweng, mme ba tseneletse thata mo bolwetseng jwa madi a matona le jwa sukiri.
Mme Radikgomo a re e le ba kokelo ya Lotlhakane East, ba pataganetse lenaneo le le kokelwana ya ga Segwagwa, Diabo le Dipotsana.
Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa Lotlhakane Botlhaba, Rre Patrick Mosimanegape o ne a lebogela thuto ya letsatsi go menagane ga mmogo le ithutuntsho ya itshidilo e e neng e supiwa ke barutabana ba itshidilo ba sekole se segolwane sa Maraka gone mo Lotlhakane East. BOPA
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : KANYE
Event : Mogwanto
Date : 01 Nov 2017






