Batho ba Mogapinyana ba lela ka bojalwa
01 Nov 2017
Banni ba Mogapinyana mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka thekiso ya ditagi le majalwa a a direlwang mo malapeng.
Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila kwa Mogapinyana bosheng, banni ba re ba itemogetse fa bangwe ba barekisi ba majalwa a Setswana a a rekisiwang mo malapeng a rekisiwa go sa salwe dinako tse di beilweng ke puso morago.
Ba re mangwe a majalwa ao ke a a sa letlelelweng a a tshwanang le sekhokho.
Banni ba kopile gore sepodisi se bolotse letsholo la ditagi, ba re motokwane o rekisiwa thata mo motseng wa bone.
Ba re ba belaela fa majalwa le ditagi di tshwana le motokwane e le tsone di tsisang tlhakatlhakano mo motseng.
Mo godimo ga se, ba ne ba lela ka go thujwa ga mabentlele le bogodu jwa leruo
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Onthusitse Maranyane a re puso e thusa Batswana ka maneneo gore ba tswe mo lehumeng mme maiteko a, a busediwa morago ke magodu ka go amoga batho diruiwa tsa bone.
A re se ga se ame puso fela mme se ama le bone ba ba neng ba thusitswe ka mananeo ka gore ba felela ba boetse mo lehumeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Esther David o lekodisitse fa kgotla ya bone e tlhokana le lepodisi le mokwaledi ka gore e tlhatlositswe maemo.
A re le fa go ntse jalo go santse go na le dikgosana tse di santseng di saletse kwa morago ka dituelo, a re le bone ba thusiwe gore ba amogele fela jaaka dikgosana tse dingwe.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Mzwinila a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go oketsa diphatlha tsa dikgosana tsa tetlanyo ka 285.
Rre Mzwinila a re dikgosana di le 640 di ne tsa salela morago ka mabaka a tlhaelo ya madi.
A re go oketsa bodiredi ga go motlhofo ka gore puso e santse e na le kgwetlho ya tlhaelo ya mdi, a re puso e tlhoka P30 million go duela dikgosana tsotlhe tse 640.
Rre Mzwinila a re fa madi a ka nna teng, puso e tlaa sekaseka kgang e.
O ne a leboga banni ba Mogapinyana ka maduo a mantle a sekole se sebotlana sa Mogapinyana.
A re se, se supa fa go na le tshwaragano le neelano fa gare ga batsadi le barutabana.
Rre Mzwnila yo e bileng e le mothusa tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o ne a lekodisa banni ba Mogapinyana ka melao e e sa tswang go dirwa kwa palamenteng e e fetileng.
A re go fetotswe molao wa tsamaiso lefatshe gore batho ba ba kwadisitseng ditsha ba fiwe ditlankana tse disha tsa title deed go oketsa boleng jwa ditsha tsa bone.
A re se se tlaa thusa Batswana go ikadimela madi kwa dibankeng ba dirisa ditsha tsa bone e le sesupo sa gore ba ka kgona go duela, le go thusa gore ba seka ba dirisa madi a mantsi kwa diagenteng fa ba batla go adima madi kwa dibankeng.
O tlhalositse gape fa sekole se segolwane sa BOCODOL se tlaa fetolwa go nna mmadikole go oketsa boleng jwa dithuto tse di ntshiwang ke sekole seo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MOGAPINYANA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 01 Nov 2017






