Breaking News

Re ka fokotsa kgokgontso -Mokgosi

01 Nov 2017

Mothusa kgosi kgolo wa ga Malete, Kgosi Tsimane Mokgosi o supile fa mongwe le mongwe a na le seabe sa go fokotsa kgokgontso mo Botswana.

Fa a bua kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go hema kgokgontsho, Kgosi o supile fa dikgang tsa kgokgontso di tshwenya thata.

Kgosi Tsimane o supile fa puso e ne ya lemoga botlhokwa jwa go bopa mekgatlho e e ka thusang go lwantsha kgokgontsho.

O ne a supa fa mekgatlho e, e itebagantse le kgokgontso ya ditshwanelo tsa bong, ka kgokgontsho e tshela e bile mongwe le mongwe a amega.

Kgosi o ne a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontso di ama thata bomme le bana, a supa fa bana ba tshelela mo kgokgontsong ba kgokgontshiwa ke batsadi ba ba tshwanetseng gore ba ba tlhokomele.

O supile fa dipalo di supa fa e le ruri bomme ba tshelela mo kgokgontso mo malapeng, ditirong le gongwe le gongwe fa ba tsamayang teng e bile ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelodikobo, dipolao le dikiteo.

Kgosi Tsimane o tlhalositse gore gantsinyana fa bomme ba sena go tlaleya dikgang tsa kgokgontsho kwa mapodising, ba felela ba tsholola ditsheko.

O ne a tlhalosa fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng mme borre ba aswa senku, ba sa tswele kwa ntle go ikuela.

 

Kgosi Tsimane o supile fa go le mo maruding a botlhe go ema ka dinao go lwantsha kgokgontso.

Fa a tswa la gagwe, moemedi go tswa kwa United Nation Population Fund, Mme Mareledi Segotso o tlhalositse fa botlhe ba na le seabe sa go fokotsa kgokgontsho.

O tlhalositse fa mathata e le gore bontsi bo setse bo amogetse dikgang tsa kgokgontso, ka go nna fela ba itshokile ba sa ikuele.

Mme Segotso a re go na le molao o o itebagantseng le go lwantsha kana go hema kgokgontsho. BOPA

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego

Date : 01 Nov 2017