Bogogi bo tlhatlhelela banana
01 Nov 2017
Bogogi jwa motse wa Maboane le ba khamphani ya moepo kwa Jwaneng, ba ne ba tshwere dipuisanyo go tlhatlhalela banana ba motse oo ka maele a botshelo.
Fa a amogela baeng, Kgosi Kaisara Phuthego, o ne a supa fa banana ba Maboane ba saletse morago ka go tsaya mananeo a puso, mme ba sa tlhaloganye gore a banana ga ba itse ka one kgotsa ba a a itlhokomolosa.
Kgosi Phuthego o supile fa ba le lesego gore ba tle go rutwa ke Mme Ntombi Setshwaelo, a supa fa ba tlhola ba mo utlwalela mo diromamoweng a bua ka dilo tse di mosola.
Kgosi a re banana ba motse wa gagwe ba amega mo dilong tse di senang mosola jaaka bojalwa le ditagi, a bo a kopa gore ba reetse thata gore ba tle ba fetole matshelo a bone.
Mme Setshwaelo o ne a supa gore fa motho a gola, go na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go di itse, jaaka kitso ya gore o itsaya jang, o akanya jang le gore o dira dilo jang.
O supile fa tiro e, e dirwa ke gore motho bokgoni jwa gagwe bokae, a supa fa go na le batho ba ba rutegileng mme ba sena sepe mo botshelong, mme go na le ba ba sa tsenang sekole gotlhelele mme botshelo jwa bone bo le kwa godimo.
O file sekai ka batho ba ba neng ba rupisiwa kwa bogwera le bojale, a supa fa ba ne ba rutwa ka maele a botshelo mme gompieno ba tshela botshelo jo bo siameng.
Mme Setshwaelo o kopile banana go nna mafolofolo, a supa fa maduo a tiro a dirwa ke motho. O ba kopile gape gore ba tshele ba le kelotlhoko, ba itemoge ka dinako tsotlhe, a bo a supa fa motho a bopilwe ka dikarolo di le nne, ebong tlhaloganyo, maikutlo, mowa le mmele.
O kopile banana gore fa ba tsaya ditshwetso ba ipotse pele gore a ke ditshwetso tse di ka ba isang kwa pele kana tsa ba busetsa morago.
O supile fa ka dinako tse dingwe batho ba sa itirele sentle ka ntlha ya gore ba ipolelela gore ba tlaa baya mabaka.
O ba kopile gape gore ba ithute go reetsa le go dirisa madi se ba neng ba se a kopetse gore ba tle ba atlege.
O supile gore diphoso tse dintsi tse batho ba di dirang ke ka ntlha ya go sa akanya ditlamorago, a supa gore fa motsadi a sa tsee ditshwetso tse di siameng, le bana ba ya go mo gotsa. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MABOANE
Event : Puisano
Date : 01 Nov 2017






