Kereke ya Igama e ipelela dingwaga tse di lesome
31 Oct 2017
Kereke ya Igama Elisha Apostolic Church of God e ipeletse dingwaga tse some e le teng ka Matlhatso mo Maun.
Fa a bua kwa moletlong oo, Bishop Mika Lenyatso wa kereke eo, a re go le gantsi e dira ditiro tsa bopelotlhogi e leka go thusana le puso ka ba itse fa puso e ka seke ya kgona e le esi.
Kereke eo, e abela dikole, batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le ba bangwe ka bane ba amogetse ka atla tsoo pedi boikuelo jwa puso go kopa dithuso mo setshabeng.
O tlhalositse fa kereke e simologile ka 2007, mme ya kwadisiwa ka fa molaong ka 2008, mme e setse e na le makalana a le lesome le bone mo Botswana le kwa Zimbabwe.
O lopile maloko a kereke go tswelela ba ntsha megopolo e e ka ba agang, e seng e e ba kgaoganyang le go tswelela ba mo gopola ka go bala mo go Joshua 14 temana 6-12.
O tlhaloseditse baruti gore ba ka thusa puso ka go lwantsha borukutlhi, e seng ba fetoga dirukutlhi ka bobone, ka a re ba ka latlha setshaba ntle le go ba sokolola ba ba tshabisa bogale jo botlang.
O tlhalositse fa ba lebagane le bothata jwa go tlhoka setsha se ba kerekelang mo go sone mo Maun, a re ba na le dingwaga ba ntse ba kopa mme go se nko e tswang lemina.
A re bothata jo bongwe ke jwa dikomiti dingwe tse o fitlhelang go le gantsi di sa bereke sentle, a tlhalosa fa go sa direng sentle ga dikomiti tsa kereke go ka dia kgolo ya kereke, a ba a di kopa gore di tlhoafalele go dira ka natla, a re seo se ka dira gore kereke e aname lefatshe ka bophara.
Bishop George Ntshwabi go tswa kwa Sefhophe o ne a kgothatsa Bishop Lenyatso go tswelela a tshwaragane le phuthego ya gagwe gore ba kopanele go anamisa lefoko la Modimo ka manontlhotlho, a tlatsa ka gore therisanyo ke selo sa botlhokwa.
Moemedi wa dikereke tsa semoya wa pele, Rre John Moronga wa kereke ya Jordan Apostolic Church, a re dikereke di thubega letsatsi le letsatsi, dikgotlhang tsa malapa tse di bakwang ke baruti di ntsifetse le botlhoka kutlo jwa bana mo dikerekeng bo bontsi, a kopa baruti le boeteledipele jwa dikereke go ikgapha mo ditirong tsa mofuta oo.
O kopile baruti le baporofiti go tswelela ba diragatsa neo e ba e neetsweng, a re dilo tsa go nna jalo di kgalemilwe mme go lebega di ntse di tsweletse pele, fela a tlhalosa fa puso yone e ba tshepha gore ke bone ba ba ka agang lefatshe e seng go le thuba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo wa Kereke
Date : 31 Oct 2017






