Tona o tsweletse ka go ruta Batswana
31 Oct 2017
Tona wa lephata la tsa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Rre Edwin Batshu o tsweletse ka go tlhatlhelela setshaba ka melawana e e tsamaisang ditirelo tsa lephata la gagwe.
E ne ya re bosheng, Rre Batshu yo gape e leng mopalemente wa Nkange a buisa phuthego ya kgotla kwa Mosojane mo kgaolong ya Tati Bophirima, kwa a neng a itsese banni fa go le botlhokwa go itse le go tlhaloganya melawana ya lefatshe leno gore ba kgone go e diragatsa le go e obamela ka fa go solofetsweng ka teng.
Rre Batshu a re e ne ya re lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, tshaba ya ikgethela go nna tshaba e e boifang Modimo e bile e obamela melao e e tsamaisang lefatshe leno gore go nne le kagiso.
A re ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tlhaloganya matshego a le mararo a lefatshe leno le ikaegileng ka one, e leng palamente, boatlhodi le batsamaisi, a supa fa matshego ao e le one a netefatsang gore lefatshe leno le nna le kagiso.
Tona Batshu a re o bona go le botlhokwa gore a itsese batho ka ditirelo le ditsamaiso tsa lephata la gagwe gore ba nne le kitso e e ka ba kgontshang go diragatsa tse di tshwanetseng.
O ne a tlhalosetsa banni ka melawana ya tsa mesepele, boagedi, bong, kwadiso ya dintsho, matsalo le manyalo ga mmogo le Omang.
A boletse fa molao o patika gore go kwadisiwe ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka go re ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro.
Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa ka e thusa puso mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe le go baakanyetsa bana bokamoso go itebagantswe le ditirelo di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe.
Mo go tse dingwe, tona o kopile batsadi go direla bana ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro Omang, ka Omang e le ene lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe.
A re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo.
Tona o tlhaloseditse banni gore bagolwane ba lephata la Omang ba filwe dithata tsa go reetsa le go sekaseka dikgang dingwe tse di ka tswang di bakile gore motho a bo a diegile go dira Omang mme dingwaga tsa gagwe di wetse, fela a gatelela botlhokwa jwa gore mo kwadisong nngwe le ngwe ba tshwanetse ba neela badirelapuso dipego tsa buamaruri go itsa ketsaetsego mo isagong.
Rre Batshu o ne a gakolola banni go babalela dibukana tsa bone tsa mosepele le dikarata tsa Omang go itsa gore di wele mo diatleng tse e seng tsone.
Banni ba Mosojane ba ne ba leboga Rre Batshu go bo a iphile matsapa a go ba etela, bogolo jang ka e bile go na le bangwe mo motseng ba ba senang Omang ka mabaka a a farologaneng.
Ba ne ba kopa puso go sekaseka molawana wa gore e re fa motho a batla go dira Omang kgotsa a ntshafatsa, go bo go twe o ka supelwa fela ke motho yo o mo fetang ka dingwaga tse some, ba supa fa selo seo se baya batho ka fa mosing ka jaana ba felela ba nna ba sena boOmang mme go se sepe se ba ka se dirang ntle le Omang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOSOJANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 31 Oct 2017






