Breaking News

Netefatsang pabalesego

30 Oct 2017

Bakgweetsi ba dikara tsa ditonki ba gakolotswe go netefatsa pabalesego nako tsotlhe fa ba dirisa tsela segolo jang  bosigo.

 

Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane wa Meepo ya Orapa.Letlhakane le Damtshaa, Rre Ussia Lesetlhe kwa moletlong wa go gokelela badirisi ba dikara tsa ditonki dipanyapanya, dibakana tse bontshang le go ba ruta ka ipabalelo tseleng.

 

Rre Lesetlhe a re maikalelo a  lenaneo le ba neng ba le tshwaraganetse le khamphani ya Tyres Services gammogo le komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya Boteti ke go tsibosa badirisi ba dikara tsa ditonki ka bodiphatsa jwa go tlhoka go bonala fa ba dirisa tsela bosigo.

 

A re ba dule ka moono o ka ba ne ba lemogile gore badirisi ba dikara tsa ditonki  ba amega thata mo dikotsing tsa tsela bosigo ka lebaka la gore ga ba tsenye dikara tsa bone dipanyapanya gammogo le go apara diaparo tse di mebala e e bonalang bosigo.

 

O tlhalosa gore bakgweetsi ba dikara tsa ditonki  fela jaaka badirisi ba tsela ba bangwe ba  angwa ke dikotsi tsa tsela tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo.

 

Rre Lesetlhe a re maikaelelo a lenanaeo le gape  ke go ba rotloetsa gore ba nne le seabe  mo ipabalelo tseleng.

 

A re o solofela gore lenaneo le le tlaa tokafatsa dikotsi tsa tsela tse di amang dikara tsa ditonki ka e bile maikaelelo a bone e le go le atolosa  le kgaolo ya Boteti.

 

Motlhatlhobi wa dikoloi wa lephata la ditsela, dipagamo le ipabalelo tseleng, Rre Kereilemang Rantshadi  o ne a ba tlhalosetsa ka melao ya tsela.

 

Rre Rantshadi a re bakgweetsi ba dikara tsa dikonki le bone ba angwa ke molao wa tsela, a tlhalosa gore ke molato go pana ditonki di feta bobedi di tlhomagana kana go di pana di feta bone.

 

A re ditonki di tshwanetse tsa panwa di le nne di le pedi kwa pele le tse pedi kwa morago gore di kgone go bonala le go laolesega.

 

Mogolwane wa mapodisi  a pharakano, Superintendent Peter Tsheboeng a re ka 2016 ga ba a gatisa kotsi epe fa monongwaga  ba gatisitse kotsi e le ngwe ya tsela e e amang kara ya ditonki e e bileng e gapile botshelo. Rre Tsheboeng a  re dikara tsa ditonki le tsone di dirisa molao wa tsela e bile ba na le tshwanelo ya go dirisa tsela fela jaaka badirisi ba bangwe ba tsela.

 

A re mokgweetsi wa kara ya ditonki o tshwanetse a bo a itekanetse a sa nwa bojalo go feta selekanyo ,kara le yone e itekanetse mmele wa yone le tsotlhe tse di dirisiwa mo go yone. 

 

O tsweletse a tlhalosa gore ga gona seelo sa dingwaga tsa motho yo letelelwang go kgweetsa kara ya ditonki.

 

Mo lenaneong le go ne go na le kgaisanyo ya kara ya ditonki e e gaisitseng tse dingwe  mme yo o gapileng  maemo a ntlha o ne a ikgapela P1 000, a bobedi P750 fa wa a boraro ene a  ikgapetse P500.

 

E rile a afa malebo, mokhanselara wa Letlhakane Botlhaba yo gape e leng mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe a lebogela lenaneo le a re o solofela gore dipanyapanya tse di tlaa hema seemo sa dikotsi, a tlatsa ka go kopa ba ba tsenyeng moletlo o go ya go anamisa molaetsa. Rre Galeragwe o ne a ba rotloetsa gore ba ipabalele mo tseleng gammogo le leruo la bone, a tlatsa ka go re bontsi jwa batho ga ba tlhokomele ditonki.

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Moletlo

Date : 30 Oct 2017