Breaking News

Phathi e e busang e butse dikgoro

30 Oct 2017

Mothusa Tautona e bile e le modulasetilo wa phathi e e busang, Rre Mokgweetsi Masisi a re Botswana Democratic Party (BDP) e butse dikgoro go amogela batho go ya goileng.

 

Rre Masisi yo o neng a buisa bokopano jwa sepolotiki mo kgaolong ya Maun Botlhaba o ne a gwetlha maloko a phathi ya gagwe go bolotsa letsholo la go gapa batho ba diphathi tsa kganetso.

 

O supile fa phathi e e busang e ithokotsa, ka jalo ba ya go nna ba tlholana mo dikgaolong tsa bone tsa botlhophi.

 

A re ba kganetso ba ipaakanyetse go latlhegelwa ke maloko. Rre Masisi o ne a re phathi e e busang e itsewe ka tshisibalo le dikakanyo tse dikgolo le kwa mafatsheng a sele, ka jalo go tlaa bo go le thona go bo e sa tshepiwe mo gae.

 

 Rre Masisi a re diphathi tsa kgonetso tsone di ganetsa serodumo sa phathi e e busang mme a re BDP e a go ya le serodumo sa yone kwa ngwageng wa ditlhopho wa 2019 le go feta.

 

A re diphathi tsa sepolotiki tsa kganetso ga di na ditharabololo bone ditharabololo tsa bone ke go itaana ka noga e tshela.

 

Mothusa modulastilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda o ne a supa fa phathi e e busang e dirile go le gontsi go tlhabolola Maun.

 

O tlhalosa fa khansele-potlana ya Maun e tsweletse ka go tlhabolola ditsela tse di mo motseng e simolotse mo dikgotlaneng tsa Wenela le Botshabelo.

 

Rre Molonda o ne a re mananeo a a tshwanang le a nyeletso lehuma le one a tlhabolola matshelo a Batswana, ka jalo a re banni ba Maun Bophirima ba tswelele ka go tlhopha phathi e e busang.

 

A re diphathi tsa kganetso ga di seopo sengwe jaaka di bua.

 

Mme Ivory Keekee yo o kileng a bo a le kwa diphathing tsa kganetso ene o ne a re ditiro tsa phathi ya BDP di mo pontsheng. 

 

A re o ne a gakolola ba ba kileng a bo e le bakaulengwe ba gagwe gore ba ka seke ba kgone phathi e e busang ba santse ba kgaogane ka dirwe.

 

Mme Keekee o ne a re banni ba Maun ba thophe maloko a a nang le tebelopele a phathi e e busang gore ba nne le ditlamorago tse di siameng. Mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Arone ene o ne a re phathi ya BDP e tlaa tswelela e busa.

 

Rre Arone o ne a re mathata a a apereng leftashe leno a letlhoko la ditiro la banana ke dikgwetlho tse di aparang mafatshe ka go farologana. O ne gape a re banana ba seka ba ikitsa go tsaya mananeo a phathi e e busang ka ntlha ya pharologano ya sepolotiki.

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Bokopano jwa sepolotiki mo kgaolong ya Maun Botlhaba

Date : 30 Oct 2017