Breaking News

Go atameletsa banni ba Macheng ditlamelo ke toro

30 Oct 2017

Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay o ngongoregetse tiego ya go atametsa ditirelo kwa metseng ya Macheng ntswa go tlhomilwe khansele-potlana kwa Sojwe.

A re fa e sale khansele-potlana eo e tlhongwa, batho ba metse eo, e bong Lephephe, Boatlaname, Sojwe le Shadishadi ga ba ise ba akole ditirelo dipe mo khanseleng eo.

Mopalemente o ne a gatelela gore bodiredi jwa khansele bo paletswe ke go fa banni ba motse oo ditirelo.

Rre Kablay a re bosheng jaana bodiredi bo kile jwa bitsa morafe go ya go kgobokana kwa diofising tseo maikaelelo e le go tla go fa batho ditirelo mme maiteko ao, a itaya sefololetse ka morafe o ne wa bowa fela o sa bona dithuso dipe ka go ne go sena ope wa bodiredi.

Rre Kablay o kgadile tiragalo e thata, a supa fa e se one maikaelelo a puso gore batho ba sokodisiwe.

A re ene o kgadile thata khansele ya Kweneng ka go tlhoma service centre kwa Molepolole ka gore ofisi ya ga molaodi e teng.

A re boemong jwa go atameletsa batho ba ba kgakala ditlamelo, khansele e ne ya ikgatholosa seo ntswa go na le tlhaelo e tona ya bodiredi.

Mopalamente o ne a supa ka monwana khansele ya Kweneng fa go tla mo go simolodiseng thulaganyo ya madi a a abetsweng dikgaolo tsa botlhopi a P10 million a re khansele e maoto a tshupa go simolodisa lenaneo le.

A re mo Shadishadi, go dumalanwe gore go agwe matlo a borutelo a le mararo ka yone thulaganyo e.

Fa a bua ka tlhaelo ya metsi, mopalamente o boleletse banni ba Shadishadi gore go santse go le mo dipuisanong gore go tsewe metsi a sediba sa matimela go nosa.

E ne ya re fa ba akgela, mongwe wa banni, Rre Bakang Bareeng a tshwaela gore le fa go sena bodiredi kwa service centre ya Sojwe, batho ba metse ya Macheng le bone ba na le seabe mo go reng ba atamelediwe ditirelo.

A re batho ba metse eo ba rata go latela ditlamelo kwa Molepolole mme se se itse bodiredi go ba tisetsa ditlamelo.

E re ka mopalamente a roletse morafe diphetogo tse palamente e di dirileng tebang le molao wa Omang, Rre Bareeng o kopile go itse gore puso e dira eng gore banna ba Batswana ba ba nyetseng kwa mafatsheng a sele ba fiwe boagedi.

A  re o sale a nyala mosadi kwa ntle ga lefatshe la Botswana bogologolo le jaana ga a na boagedi mme bana bone ba filwe boagedi.

Mo go tse dingwe, banni ba boleletse mopalamente gore fa e sale moepo wa diteemane o o mo kgaolong ya bone o dirwa, ga go na bana ba metse ya Macheng ba ba thapilweng teng.

Fa a araba, mopalamente o supile fa a tsere matshwenyego a morafe mhago mme o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : SHADISHADI

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 30 Oct 2017