Ba Maboane ba ipelela ngwao
29 Oct 2017
Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a re ba tshwara letsatsi la ngwao go ipatla ba bo ba ikgakolola gore ke bomang, ba tswa kae le gore ba dira eng.
Kgosi Phuthego o buile se fa a amogela morafe kwa kgotleng bosheng.
O supile fa go ne go ka bo go le monate gore banana ba nne teng ka bontsi kwa letsatsing leo, gore e re kamoso ba rute bomonnaabone ngwao le meila ya yone.
Kgosi o kopile morafe go tsaya letsatsi leo ka tlhoafalo, a bo a supa fa ba tlhoka banana gore ba dire tiro e ka manontlhotlho.
Modulasetilo wa komiti ya letsatsi leo, Rre Motswakhumo Setabo, o ne a leboga puso go bo e ba buseditse kwa ngwaong.
O supile fa ba tsile go gakolola Batswana gore go kile ga bo go na le maitiiso a setapa ba lala ba bina bosigo jotlhe, mme go sena dintwa fa e se boitumelo fela.
Rre Setabo o supile gape fa ba bonye go le botlhokwa gore bonnye jo ba nang le bone ba tle go bo ba bontsha, a supa fa ba solofela fa moletlo o o tlaa gola fa dingwaga di ntse di ya pele.
O ne a supa fa ba thusitswe ke puso le ba khamphani ya DEBSWANA gore letsatsi leo le atlege.
Fa a bua ka ditso tsa Maboane, Rre Kobo Kobo o supile fa batho ba motse oo ba ne ba fuduga kwa Metsibotlhoko, morago ga gore Kgosi Bonewamang a ba kope gore ba fudugele kwa Letlhakeng.
O supile fa ba thibeletse foo ka 1960, mme ba fitlhetse go na le sediba sa ga Gentere, yo a neng a ba siela metsi.
Sebui sa tlotla e bile e le tona wa pele wa metsi le di-tswa mmung, gape e ne e le mopalamente wa pele wa Kweneng Bophirima, Rre Boometswe Mokgothu, o supile fa ngwao e le mokgwa o batho ba tshelang ka one.
O ne a fa sekai sa go re fa mosadi a nyalwa, go ntshiwa kgomo ya patlo, mme go ntshiwe le dikgomo tsa bogadi, selo se fa se dirwa kgapetsakgapetsa e nna tlwaelo, e bo e nna mokgwa kwa bofelong se bidiwe ngwao.
O supile gape fa dijo tse batho ba di jang le tsone e le ngwao, mme a tlhalosa fa go na le ngwao e e siameng le e e sa siamang.
O supile fa ba itumelela gore ngwao e beilwe gore e etelelwe pele ke magosi.
Rre Mokgothu o tlhalositse fa batsadi ba kgona go kgalemelela bana gore ba seka ba dira dilo tse di sa siamang jaaka go apara diaparo ba di tlhanolotse, a supa fa se se dira gore bana bao ba gole ba na le tlwaelo e e siameng.
O supile fa ngwao e tshwanetse go fetoga le dipaka, a supa gore fa e dira jalo e a nonofa.
O kopile morafe wa Maboane go tswelela ba tshwara letsatsi la ngwao gore le gole jaaka kwa merafeng e mengwe.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a supa fa lengwe la mabaka a gore makoa a bo a le mantsi eb le gore batho ga ba itshidile.
O supile fa bogologolo go ne go jewa nama e ntsi, mme ba ne ba sa tsenwe ke makoa ka gore ba ne ba itshidila mebele ka go tsamaya ka maoto nako e ntsi.
Letsatsi le le ne le tshwerwe ka setlhago se se reng, He e Zosa Go, se raya gore re a e tsosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MABOANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 29 Oct 2017






