Dikgang tsa go thubetsa di tshwenya mapodisi
26 Oct 2017
Mothusa mookamela mapodisi mo kgaolong ya Ngamiland, Superintendent John Kelebeng o supile fa dikgang tsa thubetso di ile magoletsa mo kgaolong ka di begwa beke le beke.
A re seemo seo se ba tshwentse, bogolo jang ka se ama bomme, a tlatsa ka go re mafelong a beke ba kwadisitse dikgang di le tharo tse di diragetseng mo Gweta, Maun le masimo a Kgomotshwana.
O boletse fa mapodisi a Gweta a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a neng a thubetsa ngwana wa dingwaga tse thataro mme morago a inaya naga.
Supt Kelebeng a re tiragalo eo e diragetse kwa masimong a Juna One, dikhilomethara di le lesome go tswa mo botlhabatsatsi jwa Gweta.
A re ngwana yo, o nna le nkukuagwe wa dingwaga tse di masome marataro le bone kwa masimo, a tlhalosa fa monna yo a ne a ba etetse mme a tshameka le ngwana.
O boletse fa mosadimogolo a ne a lemoga ka tiragalo eo, fa a tlhapisa ngwana mme a begela mapodisi ba mo nakong eno ba boloditseng letsholo la go batla selalome seo.
A re e re ka ngwana a itse rre yoo, o ne a tlhalosa ka botlalo se se diragetseng.
Mo Maun gone go boletswe fa mme wa dingwaga tse di masome mararo a thubeditsweng ke monna mongwe kwa maitisong mo kgotlaneng ya Boseja.
Supt Kelebeng a re monna yoo, o ne a ithaopela go buledisa mme yoo ka nako ya borefabongwe bosigo, ya re mo tseleng a mo tiripa a mo gogela mo sekgweng a mo thubetsa morago a tsena ka lenga la seloko.
Kwa masimong a Kgomotshwana, Rre Kelebeng a re mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o ne a bona go se gontle fa a ne a thubediwa ke rre mongwe yo ba kopanetseng kwa maitisong mo lelwapeng lengwe.
O tlhalositse fa rre yoo a ne a laletsa mme yoo go tsamaya le ene kwa motseng wa gagwe go ya go tsaya madi, mme ya re pele ba goroga kwa lelwapeng seemo sa tsaya phekelo e sele ka jaana monna yo a ne a itseela dikobo ka dikgoka.
A re mme yoo o supile fa a itse monna yoo mme mapodisi a mo patlong ya gagwe.
Supt Kelebeng o ikuetse mo setshabeng go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukhutlhi, bogolo jang jwa go thubetsa.
O kopile bomme go nna ba tsamaya le bapati go hema thubetso e a reng gantsi e diragala fa ba tswa maitisong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 26 Oct 2017






