Breaking News

Ba Maun ba atla tshwetso ya ga Moremi

26 Oct 2017

Mopalamente wa kgaolo ya  Bokone Bophirima Rre Tawana Moremi o itsisitse morafe wa Maun fa tema ya gagwe ya sepolotiki e wetse mme a boela bogosing.

Mopalamente Moremi o buile jalo mo phuthegong e a neng a e buisa kwa Maun bosheng.

A re o sale a lekile go lwela ditshwanelo tsa bone, bogolo jang tsa lefatshe e le kgosi mme a bona fa a ka di kgona e le moemedi wa sepolotiki.

Le fa go ntse jalo, Rre Moremi a re maiteko a gagwe a go lwela ditshwanelo tsa batho ba gagwe, bogolo jang ka fa ntlheng ya tsa lefatshe, di iteile sefolololetse mme o bona gore go botoka a tlogele polotiki.

Rre Moremi ka jalo o ne a gakolola banni bao gore go na le batho ba le bantsi ba ba ka emelang dikeletso tsa bone mo kgaolong ya Bokone Bophirima, ba ba rutegileng e bile ba na le bokgoni go tsweledisa fa a emeng teng ka go buelela kgaolo mo dikgannyeng tse di farologaneng.

Rre Moremi o ne gape a tlhatswa kgang ya gore o eme ope nokeng yo o emelang ditlhopho tse di tlang mo Maun Bophirima.

A re tiro ya gagwe o e weditse mme a ka sere o ba bontsha yo ba tlaa mo tlhophang, a re botlhe ba ba emang mo kgaolong eo ba tlaa phadisana mme banni bone ba tlaa tlhopha yo ba mmatlang.

Mabapi le dikgang tsa lefatshe, bogolo jang tsa Moremi Game Reserve le Maun Educational Park, Rre Moremi o supile fa a latlhetse toulo le mo go tsone, a supa fa a lekile go bua ka tsone kwa palamenteng mme go sana nko e tswang lemina.

O bile a supa gore maikaelo a go seka dikgang tseo semolao le one o a boetse morago, a tlhalosa fa go supagetse fa dithata tsa Maun Educational Park di le kwa ofising ya kabo ditsha ka ba di file lephata la tikologo le le nang le setlankana sa lefatshe leo.

Rre Moremi o ne a lekodisa banni le ka tse dingwe tse di builweng kwa palamenteng le mananeo a puso.

Mme o ne a re  o itumelela molao wa kabo ditsha o o fetotsweng gore go lemogwe ditsha tsa pele ga makgotla a kabo ditsha, a supa fa o araba matshwenyego a gagwe.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Maun ba ne ba itumelela gore Mopalamente Moremi o boela bogosing.

Mme Obonya Morapedi le ene o ne a lebogela Mopalamente Moremi tiro e ntle e a e dirileng kwa Palamenteng ya go emela dikeletso tsa batho ba Maun Bophirima, mme a re go molemo go bo a boela gae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 26 Oct 2017