Breaking News

Matambo o lekola melelwane

25 Oct 2017

Tona wa tsa madi le tlhabololo itsholelo, Rre Kenneth Matambo o mo loetong lwa go lekola badiri ba lephata la gagwe ba ba berekelang mo melelwaneng mo Kgalagadi Borwa.

Fa a bua le badiri ba lephata la gagwe kwa Mc Cathy’s Rust, o boletse fa loeto lwa gagwe e le go tla go utlwa ka fa ba tshelang ka teng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong.

O boleletse badiri gore o na le tshepo ya gore ba dira ka bonokopila, botswapelo le botho, ka jaana ba kopana le baeng go tswa kwa mafatsheng a sele.

A re se se botlhokwa ka gore batho ba ba tsenang ka molelwane oo, e kare fa ba boela magaeng ba ye go bua Botswana bontle.

Badiri ba ne ba tlhalosetsa Rre Matambo gore le fa ba na le dikgwetlho, sebe sa phiri ke dikago tse ba direlang mo go tsone ka di pitlagane, mme ba kopa gore di okediwe.

Ba re le matlo a ba robalang mo go one a a tlhaela ka ba a kopanetse ntswa bangwe ba bone ba na le malwapa.

Badiri ba ne ba kopa Rre Matambo gore a akanyetse badiri ba maphata a mangwe jaaka mapodisi le ba lephata la temo-thuo ba ba berekang le bone gore ba fiwe ka matlo a boroko ka jaana ba nna fa go sa siamang.

Ba supa gore le metsi a a nowang ga a a siama ka gore a letswai le rusi.

Ba kopile le lefelo la itshidilo mmele ka gore go ka thusa le bone banni ba motse.

Tona o ne a tlhalosa fa matshwenyego a bone a tlaa akanyediwa ka jaana go se maleba gore ba bo ba sa nne sentle, a tlatsa ka go re e re le ntswa madi a seyo, go tlaa lekwa ka bojotlhe gore diemo tsa bone di tsibogelwe.

A re ba seka ba fela pelo ka ditlhabololo tse dingwe ka jaana motse o ba nnang mo go one jaanong puso e tsile go simolola go o tsenya mo mananeong a ditlhabololo ka jaanong o lemogwa semmuso.

O akgoletse babereki bao go netefatsa gore tikologo ya bone e phepa ka dinako tsotlhe, ka gore ke bone ba ba amogelang baeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MC CATHY’S RUST

Event : Bokopano le Badiri

Date : 25 Oct 2017