Breaking News

Ba ba amegileng ba thusitswe

25 Oct 2017

Malwapa a le mane a a amilweng ke pula ya matlakadibe e e neng ya re ka Matlhatso ya ralala Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng a amogetse dithuso tsa potlako go tswa kwa komiting ya kgaolo ya dibetso tsa tlholego.

Go ya ka mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Mme Nametso Tatedi, malwapa a a thusitsweng a mararo e bile a amogetse ditante tse tharo fa le lengwe le abetswe dijo.

Mothusa molaodi a re e re ntswa tshekatsheko ya ba boipelego e supile fa go amegile malwapa a le masome mabedi le bobedi, a mangwe a one a ne a kile a thusiwa mo nakong e e fetileng.

Mothusa molaodi a re ba tsweletse ka go loga maanao go betla thulaganyo ya go fudusa batho ba mangwe a malwapa ao go hema go amega gangwe le gape mo ba go itemogetseng ka dinako tsa dipula.

E ne e rile go le pele Mme Kekgathale Dimapo yo e leng mongwe wa ba ba amegileng thata a tlhalosa fa a aperwe ke bohutsana jo bo bakilweng ke tshenyo e e feteletseng ya go rutlolola ntlo ya gagwe le go nyeletsa gotlhe mo a neng a na le gone jaaka dithoto tsa ntlo, diaparo le dijo.

Mme Boikhutso Gadibalwe, e ne a re toro ya go amogela ntlo e a e agetsweng ka SHHA e ne ya phirima fa phefo e e sugakanya borulelo jwa yone.

A re seemo seo se mo amile fela thata ka jaana a ne a na le tsholofelo ya go tshela ka seriti sa bonno jwa segompieno.

Motlhala wa tshenyo o ne wa kgoreletsa dithuto kwa sekoleng se sebotlana sa Boatlaname dioura di ka nna tharo pele botsamaisi bo thulanya ditlhogo go betla tharabololo ya go busetsa dilo mannong.

Go amega ga dithuto kwa sekoleng go bakilwe ke go rutlomologa ga bontlha bongwe jwa matlwana a borutelo a le mabedi le matlo a boroko jwa barutabana a le mararo.

E re ntswa tshenyo kwa sekoleng e ne e sa lebege e le maswe, mogokgo, Mme Patricia Mogapi o supile fa go koloba ga marulelo go befisitse seemo ka leswe la bommamanthwane ba ba tsalelang mo marulelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : BOATLANAME

Event : Dithuso tsa Potlako

Date : 25 Oct 2017