Breaking News

Phuthego ya Kamo le Kamo e thusa ba ba tlhokang

25 Oct 2017

Kereke ya Assemblies Of God kwa Mmadinare e tsweletse ka go abela bana le bagolo ba Mmadinare diaparo le didirisiwa tsa go tlhapa.

Moruti Nonde Chishimba yo e leng ene mogogi wa kereke ya Kamo le Kamo kwa Mmadinare o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go jwala peo ya bopelotlhomogi le go fetola matshelo a batho ka go farologana gore batho bao ba lemoge fa ba amogelesegile mo setshabeng.

Moruti Chishimba o ne a tlhalosa fa e setse e le ngwaga wa bobedi ba ntse ba le mo mosepeleng wa go thusa ba ba tlhokang.

O ne a supa fa ba tlaa tswelela ba thusa fa ba kgonang teng go fokotsa letlhoko mo setshabeng.

Moruti Chishimba o ne a supa fa molao wa Botswana o ba neela tetla ya go rerela setshaba lefoko la Modimo kwa ntle ga makgwere ape ka jalo le bone ba tshwanetse go dira sengwe go thusa ba ba tlhokang.

Moruti Chishimba a re ga ba a tshwanela go itebaganya fela le thero ya lefoko la Modimo mme ba tshwanetse go supa ka ditiro gore se ba se buang se tsamaelana le maitlamo a kereke.

A re tiro e ba e dirang e itebagantse le mangwe a matshego a tebelopele ya setshaba, a re ba ne ba itebaganya le la tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka matshelo a batho.

Moruti Chishimba o ne a re gore motho a kgone go nna pelotlhomogi mo go yo mongwe o tshwanetse a bo a na le botho, lorato le boikobo.

A re seo ke sone fela se se ka tsenyang mowa wa kutlwelobotlhoko mo bathong.

Moruti Keanole Kurwana wa kereke ya Kamo le Kamo kwa Botshabelo, yo e neng e le molalediwa wa letsatsi o ne a re go supafala fa ba kereke ya Mmadinare ba utlule selelo sa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama gore dikhamphani tse di ikemetseng le makgotla ka go farologana di tshwanetse go tsenya letsogo go thusa fa ba bonang go na le botlhoki gone.

Moruti Kurwana o ne a supa fa puso e ka seke e kgone e le nosi kwa ntle ga thuso ya setshaba.

Moruti Kurwana a re se se dirwang ke ba kereke ya Mmadinare se supa fa ba sa iteba ba le nosi mme ba na le matlho a a lebelang kgakala.

Moruti Kurwana a re mo nakong ya gompieno baruti ka bontsi ba itibile ba le nosi le ba malwapa a bone mme ba ikgatholositse botlhoki jo bo leng teng kwa mafelong a ba direlang kwa go one.

Moruti Kurwana a re gore motho a utlwe lefoko la Modimo o tshwanetse gore a bo a tlhapile, a jele le gone go apera sentle.

A re seo ke sone se se ka dirang gore motho a tlhaloganye se go buiwang ka sone.

Bana ba ba neng ba amogela dimpho ba ne ba le masome mabedi mme ba le dingwaga tse thataro go ya kwa go tse di robang bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabelano

Date : 25 Oct 2017