UDC e ikemiseditse go ntsha Batswana mo lehumeng
25 Oct 2017
Moeteledipele wa diphathi tsa kganetso tse di ikopantseng - Umbrella for Democratic Change (UDC) e bile e le moeteledipele wa Botswana National Front, Rre Duma Boko a re UDC e santse e ikemiseditse go ntsha Batswana mo lehumeng fa e ka tsaya puso ka 2019.
Rre Boko o buile jaana kwa phuthegong ya phatlalatsa mo Molepolole ka Matlhatso, a kaya gore diphathi tseo di ikaelela go fa Motswana mongwe le mongwe seriti ka go tlotla ditshwanelo tsa gagwe le go ba sireletsa fela jaaka molao-motheo o bua mo tsetlaneng ya boraro.
O ne a tlhalosa gape gore ga ba na maikemisetso ape a letlhoo mo go ope le fa e le mo boeteledipeleng jo bo mo pusong ka nako eno jaaka bangwe ba akanya.
A re go fa babusi dikgakololo mo tsamaisong e e lolameng ya go busa lefatshe ga go reye gore ba na le letlhoo mo boeteledipeleng.
O gateletse gore fa go ne go sa nna jalo ba ka bo ba a tle ba itidimalele fela ntleng le go ba kaela tsela e e siameng e ba ka e tsayang mo go direng ditshwetso dingwe tse di amang lefatshe kgotsa tsa itsholelo.
Fa a tswa la gagwe, mothusa moeteledipele wa UDC e bile e le moeteledipele wa Botswana Congress party, Rre Dumelang Saleshando o latotse magatwe a a reng ga go na kutlwano mo UDC, a tlhalosa gore bokopano jwa diphathi tsa kganetso ke jwa motia e bile ba gatetse pele ka maikemisetso a bone, go sena sepe se se ka ba palelang.
O kgothaditse balatedi ba diphati tsa kganetso gore ba tie moko e bile ba netefatse gore diphetogo di nna teng ka 2019.
A re lefatshe le lennyennyane mo go Botswana la Mauritius ga le na di-tswa mmung le khumo e e tshwanang le ya Botswana, mme lone le humile go gaisa la Botswana e bile letlhoko la ditiro le kwa tlase.
A re go sita kang ka thuto ya bone le yone e le ya maemo a ntlha mo e bileng maduo a bone a kgatlhisa thata le go feta maduo a dikole tse di ikemetseng mo lefatsheng leno.
A re seemo se sa letlhoko la ditiro le thuto ya boleng jo bo kwa tlase di ka tokafala fela fa puso e ka fetolwa.
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan le ene o kgothaditse balatedi ba diphathi tsa kganetso gore ba itse gore ke bone fela ba ka tisang diphetogo le gone go itse gore khumo ga se mantlontlo a lefatshe mme khumo ya lefatshe ke batho ba lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya Phatlalatsa
Date : 25 Oct 2017






