Breaking News

Ba rotloediwa go dirisa lekalana la CEDA le LEA

25 Oct 2017

Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re go botlhokwa gore fa motho a batla go simolola kgwebo a inaakanye le lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), go mo thusa le go mo fa maele ka tsa kgwebo.

Rre Butale o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mmatshitswane kwa Kanye bosheng, a tlhalosa fa go na le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi kwa Kanye mme di tshwaragane le puso.

O boletse fa makalana a LEA le CEDA a le botlhokwa thata mme a kopa morafe go ikaega ka one tebang le tsa kgwebo, bogolo jang la LEA.

A re lekalana la LEA le rutuntsha Batswana ka tsa kgwebo le go ba fa maele gore ba ka tsamaisa jang dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa ba thusa ntle le dituelo.

O supile fa LEA e tsaya megopolo ya ba ba batlang go dira dikgwebo mme ba e tlhotlhe go ba thusa gore kgwebo e ka tsamaisiwa jang, a re seo le sone ba se dira fela ba sa lope dituelo dipe.

Mothusa tona a re lekalana la LEA gape le thusa dikhamphani tsa Batswana gore di ka bona mmaraka jang le gore di ka tsweledisa dikgwebo tsa tsone jang.

 O lemositse botlhokwa jwa LEA, a gatelela ka gore fa motho a eletsa go tsena mo kgwebong mme a sa feta ka LEA o a bo a sa itirela sentle mme a kopa banana ba ba nang le keletso go simolola kgwebo go inaakanya le LEA.

Fa a bua ka lephata la gagwe, Rre Butale o tlhalositse fa e le lephata le le filweng boikarabelo jwa go rotloetsa go tlhongwa ga madirelo gammogo le go rotloetsa kabakanyo ya itsholelo gore lefatshe le seka la ikaega fela ka diteemane le ditswa mmung tse dingwe, a tlhalosa fa moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe o ne wa tswalwa.

A re ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le kabakanye itsholelo le go bona gore madirelo a Botswana a rekisa dithoto kwa mafatsheng a sele, mme dipoelo tsa teng di thuse mo ditirong tse dingwe.

Rre Butale a re gape go botlhokwa gore batho ba dire dikgwebo tse disha tse dingwe tsa tsone e leng go ipopa ditlhopha go simolodisa dikgwebo tsa dikoporasi tse di ka thusang go tokafatsa itsholelo.

Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ikuetse ka tlhaelo ya metsi mo motseng le tlala e e bakwang ke letlhoko la ditiro bogolo jang le le amang banana.
 

Mongwe wa bagwebi ba ba fa gare o ngongoregile ka go sa neelwa ditiro ke makalana a puso, ka jaanong go ganelelwa thata mo bagwebing ba babotlana, a re madirelo a bone a a phutlhama.

Bangwe banni ba nongoregile ka go sa bona thuso epe fa ba ikopela dithuso tsa mananeo a a lebaganeng banana le bomme le mororo ba fetile ka lekalana la LEA.

Ba ikuetse mo go mothusa tona gore badirelapuso ba rotloediwe go reka dithoto tsa bagwebi ba mo gae le go ba neela dithendara.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmatshitswane, Rre Watshipi Ranka o tlhalositse fa ba tsweletse ka tiro ya ditena mme kgwetlho e le koloi.

A re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mathata ke gore kgaolwana ya Mmatshitswane e tona mme ba fiwa palo e potlana go e hira. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Oct 2017