Bagwebi ba ngongorega ka tshenyetso setshaba
24 Oct 2017
Bagwebi ba Tsabong le metse e e mabapi ba ngongoregile ka maphata mangwe a puso ba supa fa a sa dire le bone sentle.
Ba buile mafoko a mo phuthegong e ba neng ba e tseneletse le mopalamente wa kgaolo, Rre Frans van der Westhuizen bosheng le bagolwane ba maphata ka go farologana kwa Tsabong bosheng.
Rre Moses Chimbombi yo e leng mothusa modulasetilo wa bagwebi ba kgaolo eo o tlhalositse fa go ngomola pelo gore a bo ba santse ba kgona go tingwa menyetla ya go fiwa ditiro ke maphata a puso.
A re ba tshwenngwa ke gore fa ba fiwa ditiro e abo e le tsa madi a mannye mme fa go na le tsa madi a a bonalang ba kgaphelwa ntle.
Rre Chibombi a re puso e ka tswa e dirile phoso ka go letlelela babereki ba puso go nna le dikhamphani, a re se ke sone se se dirang gore abo ba kgona go ba tima ditiro ba di fa ditsala le masika a bone.
O tlhalositse gore ke ka moo ba boneng go le botlhokwa gore ba bitse mopalamente gore a tle go ba lebisa kgang e ka jaana go lebega e le e e a se keng ya tlhola e ema, a tlatsa ka go re ba setse ba tsene mo seemong sa go tlhoka go tsaana sentle le bodiredi.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente o tlhalositse fa go le botlhokwa gore badirelapuso ba itse ditsamaiso tse ba tshwanetseng go bereka ka tsone gore ba tle ba thuse Batswana sentle.
A re mananeo a mangwe a puso a diretswe beng-gae, ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ba dira fela jalo ka se se le botlhokwa go tsholetsa itsholelo ya dikgaolo.
O tlhalositse gore ba dikgwebo le bone ba tshwanetse go netefatsa gore ditirelo tsa bone ke tsa maemo a ntlha le tlhwatlhwa ba baya ene siameng.
Rre van der Westhuizen o tlhalositse fa go le botlhokwa gore beng ba dikgwebo ba di tlhabolole ka jaana ditiro tse dingwe di buletswe go ka fiwa Batswana fela botlhe, mme a re mo seemong seo ba tshwanetse go netefatsa gore dikhamphani tsa bone ke tsa boleng jo bo rileng.
O ne a wela ka go re ba netefatse gore ba dira ditiro ka botswapelo ka go lemosegile gore gantsi dikhamphani di latlhelela ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Oct 2017






