Breaking News

Tlhako le molomo e tlhorontsha barui

24 Oct 2017

Mosimolodi wa lekgotla la barui la Ngamiland Integrated Farmers’ Association (NIFA) Rre Simon Bojosi, o supile fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tsweletseng ka go tlhorontsa Ngami bo ka laolesega fa puso e ka diragatsa ditumalano tse e di dirileng le barui.

Rre Bojosi, yo o neng a buisa babegadikgang mo Maun bosheng, o tlhalositse fa go le maswabi go bo ditumalano tsa bone tse di bidiwang ‘Ditshutiso tsa BOCODOL’ kgotsa ‘BOCODOL resolutions’ di sa tsenngwa mo tirisanong.

O supile fa barui ba dumela fa bolwetse joo bo ka kgonagala fela jaaka tshwaragano ya barui le puso e kgonne go nyeletsa malwetse a tshwana le jwa Tsetse, le jwa lekgwafo le fa bo ne jwa baka gore dikgomo tsa Ngami yotlhe di nyelediwe.

A re mo diemong tsa malwetse ao puso e ne e ntsha ditsompelo tse di lekaneng le maphata a puso ka go farologana go lwantsha malwetse ao.

Rre Bojosi a re barui ba bona boitseme jwa barui jo bo paledisang seemo sa tlhako le molomo go kgonagala se le sebotlana fela mme tiro e kgolo e le mo lephateng la temo thuo. O supile fa dikgomo tsa dikgaolo dingwe mo Ngami di le dintsi, ka jalo di sa laolesege.

Rre Bojosi a re letlhoko la diterata tse di itshetletseng tsa dikganedi tsa diphologolo ke lone tshoso e rweleng mo tlhagogong ya tlhako le molomo.

A re bontsi jwa dikgomo mo kgalong eo di hula le dinare tse e leng tsone tshoso e rwele ya bolwetse joo ka lebaka la gore diterata di ole.

O supile fa go sena masaka a a faphegileng a a ka namang a tshegeditse diphologolo tse di belaelwang tlhako le molomo.

“Kgang ya tlhako le molomo e tshwana le ya lekgwafo, a go lebelelwe mo bothateng jo e seng batho,” o ne a tshwaela.

Ka jalo Rre Bojosi o ne a re go botlhokwa gore baeteledipele ba mekgatlho ya barui le puso ba tshwaraganele ntwa eo .

Rre Bojosi o ne tshwaela fa go emela go tsaya kgato fa go na le bolwets jo bo tlhagogileng go senya madi a mantsi a puso go na le fa go ka bo go remelelwa mo go thibeleng bolwetse.

Rre Bojosi o ne gape a re ga ba itumelele go tlhoka tshwaragano e le boeteledipele jwa temo-thuo mo kgaolong, a re ba na le bosupi ka ba sale ba kwaletse bogogi jwa temo-thuo kwa Gaborone.

Leloko la mokgatlho o, Rre Gilson Saleshando le ene o ne a re go maswabi go bo Ngamiland e le lefelo le le humile mme le humanegile, ka e le lone la bobedi morago ga Kgalagadi kwa tlase mo khumanegong ya lefatshe leno.

Rre Saleshando a re diterata tsa dikganedi tsa mosepele wa leruo ga di sa tlhola di fiwa madi jaaka ka nako ya ga Mmamosadinyana mme seo se buseditse twantsho ya tlhako le molomo morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Babegadikang

Date : 24 Oct 2017