Breaking News

Bobelotlhomogi ke phenyo

23 Oct 2017

E re le fa lefatshe la Botswana le simolodisitse matshego a Tebelopele ya 2036, Batswana ga ba a phuaganya matshego a Tebelopele ya 2016.

 Ba tsweletse ka go supa le go diragatsa lengwe la matshego a, la go nna tshaba e e lorato gape e le kutlwelobotlhoko.

Se, se rurifaditswe ke mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme kwa kgotleng eo bosheng fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya kgaolo eo e abela Mme Mmalotshabisa Bontseng ntlwana ya boitiketso le ya botlhapelo.

Rre Lemme o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go dira pharologanyo mo matshelong a bagolo mo kgaolo.

A re komiti ya bone e itlamile gore mo ngwageng, ba tlaa nopola mongwe kana bangwe mo kgaolong go ba tswa thuso fa ba tlhokang teng.

Rre Lemme a re ba tsere maikarabelo a go leba letlhoko le Mma Bontseng a nang le lone mo go a mantsi, mme ba supa lorato le kutlwelobotlhoko ka go mo agela ntlwana ya botlhapelo le ya boitiketso.

Rre Lemme a re go abela Mme Bontseng mpho e, ba ne ba gwetlhilwe ke gore o nna a le nosi, o tshwenngwa ke ditlhabi ka jalo ga go bonolo go nna a tsaya loeto a ya go kopa ntlwana kwa baagisanying.

Modulasetiolo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Dorcus Gosibotsile a re komiti ya gagwe e tlaa tswelela ka go thusa Mme Bontseng ka go tlodisa beke, e re e e latelang ba ye go mo feelela le go mo tlhatswetsa.

Mme Gosibotsile a re ga go felele fela mo go Mme Bontseng ka ba na le botsadi bo le bontsinyana jo bo nang le letlhoko, mme ba tlaa tswelela ka go lekola gore bo tlhoka eng.

Mookamedi wa banka ya FNBB kwa Kanye, Mme Hilda Mooketsi o roletse komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Marapalalo hutshe go bo ba tsere kgato ba bona letlhoko la motsadi wa bone.

A re boitumelo jwa mogolo ke mogolokwane kwa Modimong, e bile ba ikokeleditse masego le matlhogonolo go sa kgathalesege gore ba ntshitse mpho e e kae, ka gore lemme ga le bolae, go bolaya lefifi.

Mme Mooketsi o kgothaditse komiti go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi ka a lemogile fa e se la ntlha ba dira sengwe sa mofuta o.  

A re se ke go itopela ditshegofatso kwa Modimong.

Mme Bontseng o supile fa a itumetse go menagane ka se komiti ya kgaolo ya bone e se mo diretseng, a tlatsa ka go re o tshwenngwa ke gore o santse a kolota ditena tse a di adimilweng ke boora matsalaagwe go tlatsa tsa gagwe tse di tlhaetseng mo kagong.

A re o ikgomotsa ka go re boora matsalaagwe ga ba mo kgothakgothe go di busa, ka ba tlhaloganya botshelo jwa gagwe.

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go lere boitumelo le go bo godisa mo motsading wa bone le bangwe ka bone gore le Modimo o ba lemoge o bo o ba okeletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoyaone Mothibi

Location : KANYE

Event : Kabo ya Ntlwana

Date : 23 Oct 2017