Borre ba gakololwa go fetola boitshwaro
23 Oct 2017
Mogokaganyi wa lekgotla la borre la Men Sector wa kgaolo ya Boteti, Superintendent Michael Maphephu o gakolotse borre go fetola boitshwaro.
Supt. Maphephu o ntshitse kgakololo e kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke lekgotla la borre maikaelelo e le go tsibosa borre ka tiriso botlhatswa ya ditagi, kgokgontsho le thibelo ya HIV/AIDS bosheng.
A re lekgotla le la borre le tlhomilwe go sena go lemogwa gore borre ba salela morago mo go tseyeng kgato ka botsogo jwa bone gammogo le tlhokomelo ya malwapa.
A re gantsi borre ke bone ba amegang mo dikgannyeng tsa borukutlhi jwa dipetelelo, dititeo, dipolao tsa marato le tiriso botlhaswa ya ditagi.
O ne gape a re go ne ga ntshiwa lenaneo la kgaola chaene le la go dira loaro lwa borre lo lo babalesegile mme borre ba ntse ba maoto a tshupa go tsaya kgato.
Rre Maphephu a re ba rotloetsa batho gore ba nne le mokapelo a le mongwe le gore ba itlhatlhobele mogare fa ba tsena mo maratong a masha.
A re kgokgontsho ga se ya dititeo fela, a tlhalosa gore gona le kgokgontsho ka dipuo le ya tiriso ya madi, tse a reng di amile malwapa ka bontsi.
O bile a ba kgothatsa go somarela malwapa ka go tshidisana sentle go na le therisanyo le neelano.
A re kgokgontsho ya dititeo e simolola e le nnyennyane go fitlhelela e baka loso.
Supt Maphephu a re kgokgontsho ya madi e diragala gantsi fa yo mongwe a sa bereke, a re go hema seemo seo, yo mongwe o tshwanetse go fiwa sengwe gore le ene a itshwarele madi.
O ne gape a supa fa ditagi le tsone di tsenye ka mmetela mo mmarakeng, a tlhalosa gore le fa go ntse jalo di borai mo botsogong jwa batho.
O tlhalositse fa tiriso ya ditagi e ama le bana ba dikole, ka jalo a ba kopa go ela tlhoko bana ba bone a re fa ngwana a tsenye mo tirisong ya ditagi o na le boitshwaro jo bo pharologanyo.
E rile a tlhalosa ka ditagi, modiri wa sepodisi yo o direlang mo lephateng le le itebagantseng le tsone, Mme Morobeng Asele a re, bontsi jwa diritibatsi tse ga di tlholege mo lefatsheng leno.
Mme Asele a re ditagi tse tsotlhe di borai ka jaana di senya botshelo jwa motho e bile di dira gore fa motho a sena madi a go di reka a senye gore a bone madi.
A re ba kgona go di tsenyetsa ba bangwe, segolo jang bomme mo dinong, mme morago ba ba dirise botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
A re seemo se se borai ka fa gongwe ba felela ba amilwe ke mogare le boimana.
Mogakolodi wa sekole se segolwane sa Rakops, Mme Khumo Ramokhua ene o ne a tlhalosa fa ba na le mathata a tiriso ya ditagi mo sekoleng sa bone.
Mme Ramokhua a re bana ba dirisa ditagi mo bangwe ba bone ba paletsweng ke go kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la boraro.
O ne a kopa batsadi go tlhokomela bana, a re bangwe ba bone ba nna ba le nosi batsadi ba le kwa merakeng, seemo se a reng se ba fa sebaka sa go dira dilo tse ba phuthologile.
Mme Ramokhua a re seemo se batla ba-na-le seabe botlhe ba se emela ka dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Sesotlegeng
Location : RAKOPS
Event : Moletlo Wa Lekgotla La Borre
Date : 23 Oct 2017






