Tona o tlhalosa ditirelo tsa lephata
23 Oct 2017
Tona wa dikago le tlhabololo matlo, Rre Nonofo Molefhi a re tiro ya lephata la gagwe ke go fa bogakolodi mo go tsa dikago.
Tona Molefhi o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Rakops mo Kgaolong ya Boteti.
A re lephata la gagwe le na le makalana a le mabedi e leng a dikago le matlo.
A re lephata la gagwe ga le tseele maphata a puso ditshwetso fa e se go fa bogakolodi fela, a tlatsa ka go re lephata la DBES le dira ditshekatsheko tsa gore dikago di ya go lopa bokae mme ba ntshe bogakolodi.
Rre Molefhi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tsewa tshwetso ya gore maphata a itirele dikago tse di lopang madi a a tshwarang P100m, fa tse di fetang madi ao di tlaa dirwa ke lephata la gagwe.
A re matlo a SHHA a tlaa wela ka nako ka gore jaanong DBES e neetswe tiro ya go sala morago kago ya matlo a BHC, go bona gore a a agilwe sentle ka didirisiwa le madi a a dumalanweng.
Rre Molefhi a re puso e ne e kopile setshaba go aga matlo gore puso e tle e a hirise, mme jaanong mathata ke gore ditlhwatlhwa tse puso e di beileng di kwa tlase.
O ne gape a supa gore puso e na le matshwenyego a ditiro tse di sa weleng ka ntata ya bonya jwa dikonteraka le gone go phuaganya tiro ga tsone.
A re go na le molao o o reng bomaitseanape botlhe ba tsa kago ka kakaretso ba tshwanetse ba kwadisiwa, go sekasekwa gore a mme dithuto tsa bone ke tsa boammaaruri pe le ga ba fiwa teseletse.
A re kwadiso ya bobedi ke ya go supa gore ke mogwebi mo lefelong, a tlatsa ka go re le yone e ntshediwa teseletso.
Rre Molefhi a re go dumalanwe gore madi a SHHA a ajwe ka tekatekanyo, kgaolo nngwe le nngwe e fiwa matlo a le lesome le bosupa.
A re le fa go ntse jalo batho bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo ao, ga ba buse dituelo gore go thusiwe ba bangwe.
O tlhalositse fa dikopo tsa lenaneo leo di le dintsi mo di hekeetsang madi a ba nang le one, a bolela fa dipalo tsa batho ba ba ikopetseng lenaneo leo di ka tshwara P5 000.
A re ba tlhoka madi a a ka tshwarang P600 million go aga, a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke gore ba batle madi ba phimole molato.
E rile a rolela Rre Molefhi matshwenyego a bone, modulasetile wa VDC, Rre Batsweletse Kgagamedi a lebogela diofisi tsa DBES tse di agilweng mo Rakops.
Rre Kgagamedi o ne a supa matshwenyego ka dikago tse di saletseng morago jaaka ntlo ya loaro kwa sepateleleng, matlo a BHC a a saleng a simololwa ka 2014 gammogo le a SHHA Turn Key go simolola ka 2012.
O ne gape a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso. E rile a araba matshwenyego a bone, a supa gore o tlaa tlhomamisa gore kago ya ntlo ya loaro e tla bo e wetse pele ga Sedimonthole e wela.
Tona Molefhi a re seemo sa BHC sa tiego ya go wela ga matlo sone se bakwa ke gore badiri ba teng ba ne ba dira ba le kgakala, a tlhalosa gore ka jaanong go dumelanwe gore lephata la DBES le nne maoto a bone go tlaa tokafala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Sesotlegeng
Location : RAKOPS
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 Oct 2017






