Breaking News

Kgosi o kgala ditagi

22 Oct 2017

Kgosi Selomeng Nthobatsang wa kgotla ya Mapoka kwa Serowe a re o tshwenngwa ke ditagi tse di tsenang mo lefatsheng leno mme a kopa banana go emisa tiriso ya tsone. 

Kgosi Nthobatsang o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Mme Pelonomi Venson-Moitoi kwa kgotleng ya Mapoka le Makolo kwa Serowe bosheng.

A re ditagi le bogodu di busetsa Botswana kwa morago e bile ba ba inaakantseng le ditiro tseo ba felela ba lwala tlhaloganyo.

Banni ba Makolo le Mapoka ba supile fa ba le ’bete se molwangwana ka tsela ya seatla sa madi e e sa tshelwang sekontere ka lerole la yone le sa ba ema sentle. 

E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe, Rre Terrence Ntalabgwe o ne a kopa banni go ba loma tsebe fa ba bona mongwe a latlhela matlaka mo molapong wa Motetshwane go na le go emela mopalamente ke gone ba bo ba re khansele ga e dire tiro.

Rre Ntalabgwe o supile fa tsela ya Makolo e santse e le mo ditshekatshekong tsa go baakaangwa. Mogolwane wa ofising ya Omang, Rre Otsile Mapeu a re lephata la Omang le kgaotse dituelo tse di neng di duelwa ke Batswana fa ba kwadisitse Omang morago ga nako.

Rre Mapeu o kopile gore Omang a ntshafadiwe pele ga dikgwedi di le lesome le bongwe di wela gore a bo a dule mo tirisong. 

O kopile bahiri go direla babereki Omang go na le go nna nabo go fitlhelela ba ba busetsa kwa magaeng ba godile ba sena Omang.

Rre Mapeu a re Omang ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ga go ope yo o ka thusiwang fa a sena Omang.

Mme Venson-Moitoi o kopile maitshwarelo mo morafeng go tlhoka go ba tlhola kgapetsakgapetsa.

A re ga se ka bomo ka o a bo a na le Tautona mo maetong a go laela mafatshe a mangwe.

Mme Venson-Moitoi o rotloeditse banni go kwadisa ditsha pele ga lebaka le le beilwe le wela go tila go duela bapotiedi.

Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabolo go tshwaragana go na le go itaana ka noga e tshela ka seo se dia ditlhabolo. 

O ba rotloeditse gore fa ba na le diphapang, ba buisane, fa go pala ba tlhopholole komiti gore ditlhabololo di tle di tswelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Kgotla Meeting

Date : 22 Oct 2017