Breaking News

Ditonki di tlhoka tlhokomelo

22 Oct 2017

Balemi-barui ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go tlhokomela ditonki ka le tsone di supile fa di na le boleng.

E rile a bua ka letsatsi la mafatshefatshe la dijo kwa dipolaseng tsa Nyangani kwa Kalakamati bosheng, mothusa tona wa tlhabololo temo le pabalesego ya dijo, Rre Kgotla Autlwetse a supa fa bosheng tonki e kaile fa e ka isa itsholelo ya lefatshe leno golo gongwe, ka jalo a rotloetsa balemi-barui go e baya leitlho le go e tlhokomela fela jaaka kgomo.

A re tonki e ka thusa go tlhabolola magae, ka jalo tlhokomelo ya yone e botlhokwa.

Rre Autlwetse a re go fitlhelela maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2036, puso e ne ya tlhama mananeo go rotloetsa pabalesego ya dijo a akaretsa ISPAAD, LIMID le a mangwe a nyeletso lehuma go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane.

O supile fa temo-thuo e le yone konokono ya itsholelo, segolo jang mo go ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo, a tlatsa ka go re bontsi bo ka itshetsa ka yone go ntsha dijo le go tlhama mebereko.

A re Batswana ba tshwanetse go inaakanya le temo go fedisa lehuma.

A re temo ya merogo le maungo e dira bontle, a re Batswana ba robile dinawa mo go nametsang mo pakeng tse pedi tse di fetileng tsa temo.

Seo a re se a itumedisa ka ba ne ba kgona go rekisetsa mafatshe a a mabapi go dira letseno.

Rre Autlwetse a re dingwe tsa dikgwetlho tse di gogelang thobo tlase ke go sa dirisiweng sentle ga lefatshe le le abetsweng go dira tsa temo-thuo, phetogo ya loapi, malwetse le diji.

A re le fa lephata la gagwe le dira bontle mo go tse dingwe, ga ba jesiwe diwelang ke dipalo tse di kwa tlase tsa dikgomo tsa mashi mono gae.

Rre Autlwetse a re go santse go na le tlhaelo e tona ya mashi, a supa fa kgomo e le nngwe e ntsha dilithara di le lesome le botlhano ka letsatsi.

O tlhalositse gape fa lefatshe le le santse le na le loeto lo loleele go ikemela go ntsha mashi, a tlatsa ka go re mashi a le lesome mo lekgolong a dirwa mono gae mme seo se sa lekane ka go santse go tlhokafala dikgomo tsa mashi di le dikete tse di lesome go ntsha segolo dilithara tse di masome a mabedi tsa mashi kgomo nngwe le nngwe ka letsatsi.

O tlhalositse gape fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Ngami go gogetse morago madirelo a nama e bile go beile matshelo a barui ba kgaolo eo ga mmogo le yone itsholelo ka fa mosing.

A re Botswana o itlamile go dira ka gotlhe go lwantsha le go ritibatsa bolwetse joo.

O kopile tirisano mmogo le kemo nokeng ya botlhe go thusana le puso go lwantsha seemo se.

A re e re ka dijo di le botlhokwa mo mebeleng ya batho, Batswana ba tshwanetse go nna kelotlhoko mo go tse ba di jang.

A re ba ikgaphe mo go jeng dijo tse di tswang mo masimong a a tshetsweng melemo phetelela go bolaya diji ka seo se ka nna borai.

Moeteledipele wa mokgatlho wa temo ya thekiso, Rre Rasebolai Kgamane o tlhalositse fa temo e le bogadi bogaufi go ka tshetsa bangwe.

“Le seka la inyatsa fa le dira tiro ya go lema,” a latlhela.

E re ka go twe wa esi ga o ele, Rre Kgamane a re balemi ba tshwanetse go emana nokeng, go tlhama mekgatlho ga mmogo le go rotloetsa e e teng gore ba kgone go thusana go emelelana le dikgwetlho.

O rotloeditse balemi go tia moko ka e le bone pinagare ya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : KALAKAMATI

Event : Letsatsi La Mafatshefatshe La Dijo

Date : 22 Oct 2017